Ga ba tsibogele go kwadisa ditsha
10 Jun 2018
Lekgotlana la kabo ditsha la Serowe la re le tshwenngwa ke palo ya batho ba ba sa tsibogeleng go kwadisa ditsha.
Kwadiso e dirilwe gore ditsha di kgone go tsenngwa mo moalong o mosha le mo maranyaneng.
Seo se tlhalositswe ke leloko la lekgotla leo, Mme Khumiso Balekile mo phuthegong ya kgotla ya Sediegelo e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, yo gape e leng mopalamente wa Serowe Bokonem Rre Kgotla Autlwetse bosheng.
Mme Balekile a re ba kgonne go potiela ditsha di le 30 000 mo Serowe fela e le tsa bonno le dikgwebo, ba akaretsa le tsa masimo a a santseng a le fa gare ga motse.
A re mo go tsone di le 20 000 beng ba tsone ba setse ba kgonne go di kwadisa fa di le 10 000 di ise di kwadisiwe.
O ne a gwetlha banni ba Serowe go tsibogela ditsamaiso le diphetogo ka nako go itsa mosuke o o nnang teng fa dilo di setse di fetoga kana di ba patika.
Mme Balekile a re mo nakong ya gompieno, ba santse ba buletse kwadiso ya ditsha, a tlatsa ka go re Batswana ba maoto a tshupa go tsibigela taletso eo.
O ne gape a tlhalosa fa ba tsweletse ka go aba dinomoro tsa metse, a supa fa a simolotse kwa metseng e e kwa ntle.
A e mo nakong eno ba tlaa bo ba simolola go pega dinomoro mo Serowe.
O ne a tlhalosa fa mo nakong eno, ba abela batho ba ba ikopetseng ditsha ka 2005, a supa fa ba ba emetseng go abelwa ditsha ba feta 6 000.
Mogolwane go tswa kwa komponeng ya metsi kwa Serowe, Rre Joseph Dibuseng, o tlhalositse fa go na le mathata a go kabana ga dipompo tsa kgopho metsi a a leswe, a re gantsi fa metsi ao a sa fete, fa ba latedisa ba fitlhela go latlhetswe matlalo mo teng.
Rre Dibuseng o ne a tsibogela dingongorego tsa banni fa ba ne ba supa fa ba sale ba dueletse go gokelwa mo dipompong tsa kgopho ya metsi a a leswe ka 2004, mme nako kgolo ke eno ga ba bone phetolo e e utlwalang.
O ne a dumelana le kgang ya banni ya gore ba sale ba duetse mme ga ba ise ba gokelwe.
Rre Dibuseng o ne a ikuela mo banning ba Serowe gore ba seka ba bula mafuti a a tshelang metsi a a leswe ka a le borai jo bo ka tsenyang matshelo a bone mo diphatseng.
Rre Dibuseng a re kompone ya gagwe e leka ka gotlhe go bona se se ka dirwang go thusa, morago ga gore ba tswe ka leano la gore ba bone mafuti a a gaufi go ka gokela mo go one.
O ne a supa fa lenaneo leo le tlaa tsweledisiwa go gokela ba ba iseng ba gokelwe ka ditsamaiso tse di tlaa dumelanwang, kwa ntle ga ba ba baneng ba setse ba dueletse kwa pele ka thulaganyo ya ntlha.
Mopalamente Autlwetse o ne a re go botlhokwa gore bodiredi bo ne bo ofa batsadi dikarabo tse di maleba fa ba batla thuso kwa diofising, segolo jang fa ba ba batla kitso ka ditsamaiso tsa diofisi tseo ga mmogo le ditlhaloso.
A re ba kompone ya metsi ba tshwanetse go nna le ya mealo ya dipompo.
A re seo se ka ba thusa go itse fa ba emeng teng le kwa ba tshwanetseng go ya go tsweledisa teng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 Jun 2018



