Bronkok Animal Feeds and Medication e dira sentle
10 Jun 2018
Kgwebo ya banana ya Bronkok Animal Feeds and Medication e e itebagantseng le dijo tsa leruo le melemo kwa Thamaga e tsweletse sentle.
Kgwebo eo, e e amuleng madi a Youth Development Fund (YDF) e kopanetswe ke banana ba le batlhano ebong Oaitse Tshipe, Kaone Kowa, Ikanyeng Bogosibotsile, Outlwile Gare ga mmogo le Neelo Kowa botlhe ba le dingwaga di fa gare ga masome mabedi le bone go ya kwa go masome mararo le boraro.
Fa ba bua mo potsolotsong le BOPA, banana bao ba re morago ga go tlhoka tiro ka lobaka ba sena go fetsa dithuto tsa bone kwa dikoleng tse dikgolwane, ba ne ba bona go le botlhokwa go ikopanya go dira kgwebo eo, mme ba fiwa P450 000 ka 2017.
Ka madi ao, ba ne ba reka didirisiwa tsa kgwebo di tshwana le teraka, tse di rekisiwang, dikobotlo di le 21, ditafole le ditilo.
Ba tlhalositse fa ba feletse ba tlhopha kgwebo ya dijo tsa leruo le melemo ya tsone ka ba ne ba lemogile gore botlhe ba na le kgatlhego e ntsi mo leruong.
Gape ba re ba ne ba lemogile gore kgwebo ya mofuta oo, e bonwa thata kwa ditoropong mme ka jalo barui ba tlamege go latela ditalamelo kgakala.
Ba supile fa ba rekisa dijo tsa leruo thata, segolo jang tsa dihutshane ga mmogo le dikoko.
Melemo ba rekisa e e farologaneng jaaka e e tlwaelesegileng thata ya teremasine le sebabole le e mengwe, e bile ba rekisa le didirisiwa tsa leruo jaaka tse di fagolang, dikgamelo tsa metsi a dikoko le tse dingwe.
Banana bao, ba tllhalosa gore kgwebo e tsweletse sentle ka ba bona dipoelo tse di nametsametsang, e bile ba kgona go duela madi a phiriso, go duela mmereki a le mongwe gammogo le go iteboga.
Ba re ka molao wa tsa matlhoko a loruo o ba tlama go nna le mmereki yo o fang teseletso ya melemo, ba ne ba hira monana a le mongwe go dira tiro eo, ba supa fa se e le maitlamo a go sala molao motheo wa lephata la tlhokomelo leruo le matlhoko a lone.
Le fa go ntse jalo, ba re ba kile ba thubelwa marekisetso go ka nna ga tlhano, mme seo se ba busetsa kwa morago ka ba tlamega go baakanya fa go thubilweng teng ga mmogo le go latlhegelwa ke tse di rekisiwang le madi a tse di a bong di utswilwe ka nako eo.
Ba re kgwetlho e nngwe ke madi a phiriso a a kwa godimo gammogo le melao mengwe ya lephata la leruo e e ba bayang ka fa mosing mo dinakong dingwe.
Ba tlhalositse fa maikaelelo e le go batla setsha se e leng sa bone sa kwebo go somarela madi a phiriso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : THAMAGA
Event : Potsolotso
Date : 10 Jun 2018



