Breaking News

Ramateke o rutuntsha ba-na-le bogole

10 Jun 2018

Boithaopo ke selo se se seng motlhofo go ka diragala mo malatsing a segompieno.

Le fa go ntse jalo, go na le Batswana ba ba santseng ba na le mowa oo wa boitlhaopo.

Mongwe wa bone ke Rre Onkabetse Ramateke.

Rre Ramateke ke mongwe wa ba ba nnileng sekao go tsenya letsogo mo go thuseng kwa sekoleng se sebotlana sa Masupe kwa Maunatlala ka go ruta bana ba ba-na-le bogole go nosetsa tshipi ntleng le dituelo dipe.

Morago ga go sa dire sentle mo ditlhatlhobong tsa makgaolakgang tsa mophato wa boraro o ne a seka a nna le boitlhobogo mo botshelong a batla maano a go ka itshela metsi ganong.

“Kwa sekoleng ke ne ke kgona dithuto tsa tiro ya diatla jaaka Design and Technology ga mmogo le tsa botaki, ke sone se mo bogompienong ke itshetsang ka go dira ka diatla,” Rre Ramateke a tlhalosa.

Mo go nonotsheng botsipa jwa gagwe a ya go bereka kwa dikomponeng tse di farologanyeng kwa Gaborone jaaka ya Mend and Welding kwa a fetileng a bereka a nosetsa ditshipi.

Ka a na le ngwana wa mo-na-le bogole, Rre Ramateke o ne a gwetlhega go tsenya letsogo mo go tlhatlheleleng baithuti ba ba-na-le bogole tiro ya diatla ka ba e tlhaloganya botoka go na le ya ditlhaka.

O itlamile go rwala ditlhako go tsamaya a ba lekola mo malwapeng a bone go itse ka fa ba tshelang ka teng gore go nne motlhofo go ba ruta.

Tiro e, ka e itebagantse thata le go dirisa motlakase, ditshipi le metshine e e ka nnang borai mo botsogong jwa bone, o tlhalositse fa a simolotse pele a ba ruta ka pabalesego le tiriso ya tsone.

“Ke na le dibeke di ka balwa fela ke na le bone.

Ke ne ka simolola pele ka go ba tlhatlhelela dithuto tsa go dira dikganedi tsa magodu mo mabating le diokomelabagwe.

Fa re sena go wetsa tsotlhe tse re di dirileng, di dirisiwa mo tlhabololong ya sekole le ya motse, gape re na le maikaelelo a go di dirisa e le disupiwa kwa ditshupong,” Rre Ramateke a tlhalosa.

Rre Ramateke o dumela gore mo nakong e khutshwane ya dikgwedi tse pedi go ya kwa go tse tharo o tlaa bo a setse a ntshitse dialogane mo tirong ya go nosetsa tshipi. 

O rotloetsa batsadi go ema bana ba bone nokeng le go ba isa sekoleng go na le go ba baya kwa mahure ba sa ba neele sebaka sa go supa bokgeleke le bokgoni jo ba nang le jone.

Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Maunatlala, Mme Salome Lesole o boletse fa batho ba go tshwana le Rre Ramateke ba tshwanetse go akgolelwa tiro e ntle e ba e dirang ya boithaopo le go tshwaraganela kgetsi ya tsie le barutabana.

“Mo malatsing a segompieno ga se gantsi o ka fitlhela motho a dira tiro ya boithaopo ntleng le go batla letseno, ka jalo Rre Ramateka ke sekao mo banning ba motse mo go se a se dirang e bile banana ba tlaa tsaya malebela go ithaopela go direla motse wa bone,” Mme Lesole a tlhalosa. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Kutlo Orman

Location : Maunatlala

Event : Potsolotso

Date : 10 Jun 2018