Letlhakane o kwatabolotsa kwa Maunatlala
10 Jun 2018
Go tsaya malebela le go anywa botsipa mo go ba ba setseng ba kgonne go a thusa.
Ba komiti ya motlobo wa dibuka ya Letlhakane ba ne ba tsere loeto go ya Maunatlala go ya go tsaya malebela mo tsamaisong ya motlobo wa dibuka o ba o agetsweng ke lekgotla la Rotsvil.
Mo potsolosong le BOPA, Mme Lillian Thanke yo e leng modulasetilo wa komiti ya motlobo wa dibuka kwa Letlhakane, o tlhalositse fa ba bone go le maleba go rwala ditlhako go leba kwa Maunatlala go ya go ithuta gore bone ba kgona jang go tsamaisa motlobo wa dibuka.
Mme Thanke a re maikaelelo e ne e le go ya go anywa maele le mananeo a a tlhokafalang mo tsamaisong ya motlobo wa dibuka.
A re ba ithutile go nna le seabe ga morafe mo tsamaisong ya motlobo wa dibuka, le se se boelang morafe mo go tsenyeng letsogo mo go thuseng motlobo.
“Kwa ntle ga go ithuta go bala le go dirisa dibala makgolo, re ne re eletsa go itse gore ngwao le setso di dirisiwa jang kwa motlobong wa dibuka,” Mme Thanke a tlatsa.
Mme Thanke o tlhalositse gape gore ba ne ba ile go ithuta ka tlhokomelo ya motlobo ga mmogo le didirisiwa tsa one.
A re se se tla jaana morago ga gore ba mokgatlho wa Rotsvil, ba itlame le go solofetsa banni ba Letlhakane go ba thusa ka P1.2 million, go aga kago e ntsha ya motlobo.
O tlhalositse gore mo thusong e, ba tlamega go ka ikokoanyetsa P1.3 million go tlatsa P1.2million go dira P2.5 million wa kago e ntsha.
Mme Thanke o tlhalositse fa ba tshwanetse go bo ba kokoantse madi ao ka Lwetse, ka gore kago ya motlobo oo e beetswe go simologa ka yone kgwedi eo.
Mme Thanke o netefaditse fa ba na le bokgoni jo bontsi jwa go ka lekanya madi a P1.3 million mo dikgweding tse tharo.
A re seo se ka kgonagala ka go re ba dirisanya le banni botlhe ba motse le go ba kopa go tsenya letsogo mo kokoanyong ya madi.
O buile gape gore ba ka kopa dithuso tsa madi mo makalaneng a a ikemetseng jaaka ba moepo wa Debswana, ka e le nngwe ya dikompone tse di direlang mo motseng wa bone.
Fa a latlhela tlhware legonnyana, mokhanselara wa Maunatlala, Mme Salome Lesole a re ba Letlhakane ba ka kgona fela ka go rerisanya le banni ba motse le go tshwaragana.
O tlhalosa gore fa go sena morero ga gona tswelelopele.
O buile gore go botlhokwa thata go ya go tshwara diphuthego le go rerisa bana ba motse ka dinako tsotlhe kwa ba direlang teng jaaka kwa Gaborone, ka ditiro tsa bone di sa ba letle go tla gae kgapetsakgapetsa. A re go mosola thata go dira jalo ka ba ka kgona go ntsha dikgakololo, go thusa mo go yeng pele ga motse, a gakolola ba komiti ya motlobo wa dibuka ya Letlhakane go dira jalo gore ba tle ba kgone go bona dithuso tsa madi.
O ne a tlhalosa le go gakolola botlhe go ntsha sepolotiki mo ditirong tsa setshaba gore go kgonwe go ya pele.
Kgosi Lebonetse Tawana wa kgotla ya Tawana kwa Letlhakane, a re o lebogetse matsipa le maele otlhe a ba a ngathetsweng ke banni ba Maunatlala mo tsamaisong ya motlobo le gore ba kgonne jang go bo ba na le kago e ntle e e tlhokomelwang.
Kgosi o ne a lebogela go tsholwa sentle ke ba Maunatlala, a tlhalosa fa ngwao ya Setswana e sa ntse e tshela mo mafelong mangwe, ya go tshola baeng sentle jaaka kwa Maunatlala.
Ba ne ba nna le sebaka sa go etela letamo la Lotsane teng kwa Maunatlala le go etela sekole se sebotlana sa Masupe se se nang le bana ba ba-na-le bogole.
Mogolwane wa motlobo wa Maunatlala, Rre Morning Nkepe a re ba tlhatlheletse ba Letlhakane ka mananeo a tsamaiso ya motlobo e bile tiro ya bone e tsamaile sentle.
A re ba tlhaloseditse komiti ya Letlhakane ka se ba Rotsvil ba ka se batlang go tswa mo go bone gore ba kgone go dirisana sentle. Bokhutlo
Source : Kealogile Diloro
Author : Kealogile Diloro
Location : MAUNATLALA
Event : Potsolotso
Date : 10 Jun 2018



