Mapodisi a tlhotlhomisa dintsho tsa kotsi
10 Jun 2018
Mapodisi a Maunatlala a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre mongwe a neng a thulwa ke koloi a tsamaya ka baesekele mme a tlhokafala mo tseleng ya Seolwane/Mosweu.
Mothusa mookamela mapodisi a Maunatlala, Assistant Suprintendent Mopedi Moipolai o boletse mo potsolosong le BOPA fa ba amogetse pego kgwedi eno e tlhola gangwe mo maitseboweng gore rre wa dingwaga tse di masome matlhano le boraro yo o tlholegang kwa Mosweu mo kgotleng ya Molosiwa o thudilwe ke koloi mme a felela a tlhokafetse.
Assistant Suprintendent Moipolai o kaile fa go lebega moswi a ne a ya kwa gagabo fa mokgwetsi wa koloi ene a ne a tswa Mosweu.
A re moswi o ne a ragosediwa kwa kokelong ya Palapye kwa go fetileng ga tlhomamisiwa fa a tlhokafetse.
O bolela fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile tiragalo e, a bolela fa mokgweetsi a tlaa lebisiwa molato wa go baka loso.
Rre Moipolai a re tiragalo e ga se ya ntlha go diragala mo kgaolong ya gagwe, a bolela fa ba setse ba kile ba nna le tiragalo e tshwana le e mafelelong a ngwaga o o fetileng e mo go yone rre mongwe a neng a thulwa ke koloi ee neng ya siya mme a tlhokafala.
O gakolotse setshaba go nna kelotlhoko fa ba kgweetsa segolo jang nako tsa fa go setse go le lefifi.
O ne a kgothatsa batsamaya ka dinao le ba dibaesekele go nna ba apere diaparo tse di bonatsang mo lefifing go itsa dikotsi.
Mo dikgannyeng tse dinngwe Rre Moipolai o boletse fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre wa dingwaga tse di masome mararo le bone wa motshwara ditlhapi a fitlhetsweng a tlhokafetse mo letamong la Maunatlala.
O boletse fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile tiragalo e. ENDs
Source : BOPA
Author : Juliah Kotlhao
Location : MAUNATLALA
Event : Pego ka mapodise
Date : 10 Jun 2018



