Beng ba matlo ba rotloediwa go dira mokwalo
10 Jun 2018
Kgosi Maleshwane Bakwena wa kgotla ya Woodhall kwa Lobatse o rotloeditse beng ba matlo kwa Lobatse go dira mekwalo ya tumalano le batho ba ba hirisang matlo ao.
O buile jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe bosheng kwa kgotleng ya Woodhall, a supa fa go dira mokwalo go tila ketsaetsego e e ka tlhagang fa mohirisi a sa duele sentle.
A re fa go na le mokwalo, go nna le bosupi jwa gore bobedi bo dumalane ka dituelo tsa bokae le gore mohirisi o tshwanetse go duela leng.
Kgosi Maleshwane a re beng ba matlo ba tshwanetse go tsibogela selelo sa bahirisi fa sengwe se tshwana le lebati, letlhabaphefo kgotsa tsa motlakase di senyegile ka go dira jalo go itsa dikgogakgogano magareng ga bobedi joo.
A re o itemogetse mo dikgannyeng tse a di amogelang gore mohirisi o kgona go tlhoka go duela madi a boroko ka gore dilo di senyegile mo ntlong.
Kgosi Bakwena a re beng ba matlo ba seka ba letlelela bahirisi go tsaya sebaka se seleele ba sa duele madi a boroko ka go ba tlogela sebaka ba sa duele go felela go baka dikgogakgogano.
A re ka nako ya dituelo go tshwanetse ga nna le mokwalo o o supang fa mohirisi a duetse.
E rile a tswa la gagwe, mokwaledi wa kgotla, Mme Sylvia Releseng a re dikgang tsa beng ba matlo ba ba ikuelang kwa kgotleng ka bahirisi di dintsi mme go le gantsi beng ba matlo ga ba itse maina a bahirisi, ka jalo go nne dingalo go rarabolola kgang.
Mme Releseng a re beng ba matlo ba tshwanetse go itse maina a bahirisi ba bo ba itse le mongwe wa losika, a tlatsa ka go re go dira jalo go direla mong wa ntlo dilo motlhofo fa go na le bothata.
O ne a supa gape gore fa mong wa ntlo a itse ba losika lwa mohirisi o ka ba lekodisa fa mohirisi a sa tsoga. A re go a thusa gore mong wa ntlo a duedise mohirisi madi a mangwe fa godimo fa a tsena mo ntlong gore e re fa go senyega dingwe mo ntlong eo a kgone go baakanya. Bothutlo
Source : BOPA
Author : Terry Makgoeng
Location : Lobatse
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 Jun 2018



