Breaking News

Barui ba tlaa reka kwa Lobu

10 Jun 2018

E tlaa re mo dikgweding tse di ferang bobedi barui ba bo ba kgona go reka diphoko le diphelehu ka palabalo mo polasing ya puso ya Lobu.

 Se se builwe ke molaodi wa kgaolo ya Kgalagadi, Rre Rapetse Mathumo yo o supileng gore e re ntswa go tlhabolola polasi eo go simolotswe ngwaga ono,  go setse go na le tswelelopele ka jaana barui ba setse ba simolotse go e etela go ya go ikoketsa dithuto tse di fiwang mahala.

Rre Mathumo, yo o neng a buisa motseletsele wa diphuthego mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa bosheng, a re barui ba setse ba simolotse go neelwa dithuto di tshwana le go tlhokomela diruiwa, go di alafa le gore di fiwa jang gore di kgone go ntsha maduo.

O rile go botlhokwa gore ba inaakanye le tse di dirwang kwa polasing eo ka jaana di ka ba thusa go tlhabolola le go bona maduo mo loruong.

Rre Mathumo o boletse gape gore puso e mo thulaganyong ya go aga matlhabelo a dihutshane kwa Tsabong a a tlaa felang ngwaga o o tlang.

 A re ka jalo barui ba tshwanetse go ititaya ka thupana go oketsa diruiwa tsa bone gore ba tle ba kgone go tshegetsa matllhabelo ao le gone go tlhamela ba bangwe ditiro.

E ne e rile a amogela baeng, Kgosi Simon Moseki wa Kolonkwaneng a tlhalosa fa ba na le kgwetlho ya kwa ba ka rekisang diruiwa teng ka gore matlhabelo a Botswana Meat Commision a kgakala le bone.

A re seo se ba baya mo boraing jwa go tsiediwa ke bareki.

Kgosi Moseki o ne a tlatsa ka go re ba itumelela sediba se ba se filweng ke puso gore ba nose loruo.

Banni ka bontsi ba supile fa ba itumelela gore polasi ya Lobu e tsenngwa gape mo tirisong ka e kile ya bo e ba thusa thata.

Tshwetso ya go tsosolosa polasi eo ya dihutshane e e simolotsweng ka 1978 kwa Middlepits, e tserwe morago ga go lemoga fa e sa dire sentle.

Tsosoloso ya yone e akaretsa theko ya loruo lwa maemo a a kwa godimo le go shwafatsa dikago tsa teng. ENDs

 

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : KOLONKWANENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 10 Jun 2018