Breaking News

Banni ba akgolelwa go dirisa lenaneo la puso

07 Jun 2018

Molaodi wa Kgatleng, Rre Mompoloki Mochanang o akgoletse banni ba Mmathubudukwane go dirisa lenaneo la puso la Nyeletso Lehuma a re se se supa fa ba tlhoafaletse go itshetsa.

Rre Mochanang o buile jaana  mo phuthegong ya kgotla e e neng e tsherwe ke  ofisi ya gagwe kwa Mmathubudukwane ka Laboraro. A re Mmathubudukwane le metse e e mabapi e gatetse pele mo lenaneong la Nyeletso Lehuma  mme se se tshwanetse sa iteelwa legofi.

Rre Mochanang o tlhalositse fa Mmathubudukwane a setse a na le ditiro tsa nyeletso lehuma di le 80, mme go bereka tse 73 fa di le supa di phutlhame.

A re mo ngwageng wa madi wa 2017/18 ba ne ba filwe P4.6 million go thusa baikopedi ba ba eletsang go thusiwa ka lenaneo.

O ne a tlhalosa fa ofisi ya boipelego e bereka ka natla go netefatsa fa e thusa baikopedi ka nako le go ba kanoka.

Rre Mochanang o ne a rotloetsa banni go dirisa lenaneo le ka le ntsha maduo a a bonalang e bile le thusa ka go tlhama mebereko mo motseng.

A re lenaneo le, le namotse batho ba le bantsi mo lehumeng la nta e tshetlha mme e bile maduo a lone a a bonala. O ne a tlhalosetsa banni gore puso e leka ka gotlhe go tshegetsa le go bapatsa dikgwebo tse di thusitsweng ka lenaneo gore ba kgone go bona madi a go itshetsa.

A re puso e tsaya    dikgwebo tsa Nyeletso Lehuma  ka tlhoafalo  ka go ba fa sebaka sa go gweba fa puso e na le tiro e bile mo ke tsela nngwe  ya go rotloetsa dikgwebo tsa bone.

E re le ntswa banni ba iteelwa legofi ka go nna le karolo mo lenaneong, molaodi o ne a supa fa a itemogetse gore bagwebi ba dira ditiro tse di tshwanang jaaka tsa kgwebo ya ditente le ya go apaya borotho.

Rre Mochanang o ne a rotloetsa ba ba eletsang go akola lenaneo le go tla ka mefuta e mesha ya kgwebo gore ba nne pharologanyo mo go ba bangwe.

A re ba ikgolaganye le ba ofisi ya boipelego go itse ka fa lenaneo le berekang ka teng le go ikwadisa.

Kgosi Michael  Balebetse wa Mmathubudukwane o ne a rolela mafoko a molaodi hutshe a re go a itumedisa fa go na le dipalo tse dintsi tsa batho ba ba thusitsweng ka lenaneo.

A re se se supa fa banni ba leka ka thata go nyeletsa lehuma le go itshetsa ka mohuhutso wa diphatla tsa bone.

Kgosi Balebetse o ne a rotloetsa banni go tsaya mananeo a puso ka tlhoafalo ka go supafala  fa a ntsha maduo.

Monni yo o thusitsweng ka lenaneo  leo, Rre Benjamin Ratsie o ne a leboga molaodi go ba fa pego ka lenaneo. A  re o ne a thusitswe ka dikoko tsa mae, mme o ne a itemogela fa di tlhokana le go fiwa dijo tse dintsi mme se ya nna kgwetlho mo go ene.

O ne a eletsa fa Molaodi le ba ofisi ya Nyeletso Lehuma  ba ka thusa  ba ba thusitsweng ka dikoko go  fiwa dijo tsa dikoko dikgwedinyana ka ba  babalelwa ke ditlhwatlhwa tsa dijo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebo Rakanyane

Location : MMATHUBUDUKWANE

Event : phuthego

Date : 07 Jun 2018