Mapodisi a tlhotlhomisa dititeo
07 Jun 2018
Mothusa mookamela mapodisi wa kgaolo ya sepodisi ya District No.5, Superintendent John Kelebeng a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme yo o dingwaga tse do masome mabedi a nnileng le dikgobalo mo molaleng morago ga go itewa ka hamole ke rre yo o dingwaga tse di masome mabedi le botlhano kwa kgotlaneng ya Boseja kgwedi eno e roga.
Mo potsolotsong le BOPA, Superintendent Kelebeng o tlhalositse fa bobedi joo e leng baratani bo ne jwa tlhoka kutlwisisano fa rre yoo a tlaa mo itaya ka hamole mo molaleng.
O ne a tlhalosa fa mme yoo a ne a ragosediwa kwa kokelong ya Letsholathebe kwa a santseng a robaditswe teng fa mmelaelwa ene a tshegeditswe ke mapodisi.
E re dikgang di eme jalo, Supt Kelebeng o ne a tlhalosa fa ba le mo patlong ya rre mongwe wa kgotlana ya Legonono kwa Gumare mabapi le go tlhaba monnawe yo o dingwaga tse di masome mabedi le bone ka sengwe se se bogale mo mokwatleng kgwedi eno e tlhola letsatsi.
Rre Kelebeng o tlhalositse fa bobedi joo bo ne jwa tlhoka kutlwisisanyo fa yo mogolwane a tlaa tlhaba yo monnye morago a inaya naga.
O ne a tlhalosa fa yo o gobetseng a ne a ragosediwa kwa kokelwaneng ya Gumare.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Superintendent Kelebeng o tlhalositse fa mapodisi ba le mo patlong ya rre mongwe yo o itseetseng dikobo ka dikgoka mo go mme yo o dingwaga tse di masome mararo le borataro wa kgotlana ya Moeti mo Maun Seetebosigo a tlhola letsatsi.
Rre Kelebeng o ne a tlhalosa fa yo o gobetseng a ne a tswa bookelong ka nako ya bongwe mo motshegareng fa a tlaa kopana le selalome seo.
Supt Kelebeng o tlhalosa fa mme yoo a supile fa a itse go bona mmelaelwa mme a sa itse maina a gagwe.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepo Botshelo
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 07 Jun 2018



