Breaking News

Lenaneo la Re a Nyalana le thusa go aga malwapa

07 Jun 2018

Mothusa Kgosi wa Mmathethe, Kgosi Reuben Mosala a re nyalo ya konokono ke e banyalani ba e tsenang ka kitso ya tshokolo ya bone le maikaelelo a go pataganela dikgwetlho tsa letlhoko.

Fa a amogela baeng kwa moletlong wa Re a Nyalana kwa kgotleng ya Mmathethe bosheng, Kgosi Mosala o ne a tlhalosa fa nyalo ya lenaneo la Re a Nyalana e kopanya bakapelo ba ba sa gabang go ikgapela dithoto tsa yo mongwe ka jaana ba a bo ba bone go le botlhokwa go ikopanya mo botlhoking jwa bone.

Kgosi o tlhagisitse fa bogadi e le go leboga e seng go duela mo nyalong mme a kgala go nyatsa nyalo ya mofuta o mabapi le gore ga e a ikokotlela ka magadi.

Motlhami wa lenaneo la Re a Nyalana, Mme Anna Morwaagole o kaile fa maikaelelo a lenaneo le, e le go tsisa kagiso mo malwapeng.

A re ntateng ya matshwenyego a serodumo sa lelwapa go ne ga bonala fa go le botlhokwa go thusa malwapa ka go tshereganyana bakapelo ka nyalo go nonotsha le go tsisa seriti mo go nneng mmogo ga bone.

Mme Morwaagole o tlhagisitse fa nyalo ya Botswana e ketefalela batho ka e lopa madi le ditshenyegelo tse dintsi.

A re lenyalo ga le a tshwanela go tura mme e bile dikoloto tsa lone di kgona go thuba malwapa.

Mme Morwaagole a re nyalo ga e na tlhaolele, se se botlhokwa ke setlankana sa lenyalo ka e le sone mabuladikgoro.

A re fa e sa le lenaneo le le simolola go nyadisa ka 2011, ga go ise go nne le tlhalano mo manyalong a a 4 700 a ba a nyadisitseng.

Mothusa-molaodi wa kgaolo-potlana ya Good Hope, Mme Nametso Tatedi o tlhalositse fa nyalo e na le matshego a le matlhano e bong lorato, tshepho, tlotlo, therisanyo le neelano.

A re fa banyalani ba itshegetsa ka matshego a, ba ka atlega mo nyalong.

Mme Tatedi a re ba tshwenyega ka go thubega ga manyalo a segompieno a e leng gore basha ba a tsenelela ba lebile dithoto tsa yo mongwe.

Mme Tatedi o tlhalositse fa banyanalani ba Re a Nyalana ba nyadisiwa ka nyalo ya sekgoa ke molaodi.

Mokhanselara wa Mmathethe, Rre Samuel Morolong o ne a akgola banyadi.

“Nyalo ke tshireletso ya dithoto tsa gago le bana ba gago ga mmogo le bana ba bana ba gago,” a tlhalosa.

Rre Morolong o tlhalositse fa nyalo e itsa batsadi ba ga gabo monna kana mosadi go ikgagapelela dithoto fa yo mongwe a tlhokafala.

Rre Kobamelo Nkemisang yo a neng a tsena mo nyalong le Mme Tapologo Nkemisang o supile fa a itumeletse lenaneo le.

A re ga a bolo go tshela le mokapelo wa gagwe mme a sa kgone go mo nyala ntateng ya go tlhoka madi a tse nyalo e di tlhokang.. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tefo Kgaodi

Location : MMATHETHE

Event : Moletlo wa re a nyalana

Date : 07 Jun 2018