Breaking News

Kgosi Rabokala o tshwenngwa ke dikereke tse di seng ka fa molaong

06 Jun 2018

Kgosi Mokganedi Rabokala wa Boseja kwa Gakuto mo kgaolong ya Kweneng a re o tshwenngwa ke dikereke tse di seng ka fa molaong mo motseng oo.

Fa a bua mo puisanyong le BOPA, Kgosi Rabokala a re mo nakong ya gompieno e le boeteledipele jwa motse oo ba lemogile fa go na le dikereke di le pedi tse di seng ka fa molaong mme gape di tsosa modumo.

O tlhalositse gore ka motse oo o santse o gola, go na le dikereke di le nne fela tse di ka fa molaong mme di tsamaisiwa sentle di sa gotlhagotlhane le molao.

A re dikereke tse di seng ka fa molaong di baka go tlhoka kagiso mo motseng ka ga di na lefelo la teseletso e bile di tsenela mo malwapeng ka fa tlase ga disenke.

Kgosi Rabokala a re dikereke tseo di tsosa modumo o o feteletseng ka ba letsa go fitlhelela maphakela tsatsi le letsatsi.

A re banni ba motse ba ngongoregile ka dikereke tseo ka di na le seabe mo go tlhokeng tsebe ga bana bangwe ba ba di tsenang.

O buile gore banana ba ba tsenang dikereke tseo ba nna nako e ntsi koo, mme ba seke ba nne le nako ya go dira ditiro tsa lelwapa ga mmogo le tiro ya sekole.

A re dikereke tseo ga di tlotle meila ya Setswana gotlhelele, a afa sekai ka go tlhoka go ilela boswagadi.

A re batho ba ba di tsenang ga ba na nako ya go sala morago tsamaiso ya Setswana mme seo se felele se ba baketse mathata a a kabong ba a thibetse.

Kgosi Rabokala a re ba lekile go isa ngongorego kwa ofising ya molao gore ba tsibogele seemo seo mme ga go na nko e e tswang lemina.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Rabokala a re marekisetso a bojalwa le one ga a sale dinako tsa one morago.

A re marekisetso ao a bulwa maphakela ka dinako tse di sa bewang, mme banana ba thibelele koo.

A re seemo seo se baka botlhoka tsebe mo bananeng ka ba iphetisa nno-tagi mme ba simolole go lwa.

A re mapodisi a palo-potlana e bile ba fekeediwa ke seemo.

E rile a wetsa a ngongorega ka seemo sa letlhoko la metsi kwa Gakuto.

A re dipompo tsa bone di kgaletse ruri mme go tsisiwa metsi ka ditanka mme metsi a teng ga a ba lekane ka mo nakong ya gompieno go na le banni ba le bantsi ba ditsha tse disha.

A re gape le one metsi a a tswang mo dipompong nako tse dingwe o fitlhela a se phepha. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : GAKUTO

Event : Puisanyo

Date : 06 Jun 2018