Baithuti ba Dinokwane o ikopela sepalamo
06 Jun 2018
Moeteledipele wa komiti ya baithuti ya sekole se sebotlana sa Dinokwane kwa Serowe, Pearl Machona o kopile go thusiwa ka koloi kana kara ya ditonki e e ka tlhofofaletsang bana ba sekole seo mosepele go ya sekoleng.
Pearl o buile jaana fa sekole seo se ne se abelwa dimpho ke ba lephata la thuto mo Serowe.
Sekole se ne se abela bana bao dimpho tsa mariga.
Moithuti yo, o ne a re baithuti bangwe kwa sekoleng sa bone ba nna kwa masimong a Masama, ka jalo ba tsamaya sekgala se seleele go ya sekoleng mo ba felelang ba tsena ba lapile, mme seo se ame thuto ya bone.
“Ba kgona go tsena morago ga nako mo sekoleng fa gongwe ba nelwe ke dipula, dibuka tsa bone le tsone di kolobile.”
O ne a re baithuti ba, ba na le kgwetlho ya metsi mo ba felelang ba ya sekoleng ba sa tlhapa, selo se se sa siamelang botsogo jwa bone.
A re go supafala fa batsadi ba bangwe ba itlhokomolositse tlhokomelo ya bana.
Mogolwane go tswa kwa ofising ya thuto mo Legare, Rre Sonny Mooketsi a re e le ba thuto go tswa kwa moding ba leboga kamano ya bone le sekole sa Dinokwane.
A re e le lephata ba ne ba lemoga fa go na le letlhoko mo sekoleng seo mme ba itlama go thusa fa ba ka kgonang teng, gore bana ba ba nang le letlhoko ba seka ba bonala fa ba na le ba bangwe.
Rre Mooketsi a re badiri ka ene ba ne ba ntsha madi a bone ka lerato mme ba kokoanya P6 336 go rekela bana ba le masome mararo le borataro ba ba nang le letlhoko dimpho di tshwana le dikausu tsa sekole, mebese, diatlana le disekafo go itshireletsa mo serameng.
O kopa batho ba ba nang le bokgoni go tswelela ba thusa fa ba kgonang teng gore bana ba ba tswelele ba ntshe maduo a a botoka.
Rre Mooketsi a re go supafetse fa bana ba ba tswang kwa Masama ba ntsha maduo a a botoka kwa.
E rile a aba dimpho tseo, Mme Julia Ramalepa a re, ‘Amogelang mpho e ka lorato ka gore e ntshitswe ka lerato’.
Fa a ntsha mafoko a malebo, mokhanselara wa Newtown, Rre Bethuel Botumile o ne a re o utlule selelo sa ga Pearl sa letlhoko la sepalamo.
O ne a leboga ba lephata la thuto go bo ba bone go le botlhokwa go abela bana ba sekole sa Dinokwane ka gore ke sengwe sa dikole tse a ikgantshang ka tsone mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi ka se ntsha maduo a mantle.
Rre Botumile a re o tlaa bua le ba khansele gore ba ba thuse go ba gopela lebala gore ba tle ba kgone go ikatisa sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Themba
Location : Serowe
Event : Kbo Dimpho
Date : 06 Jun 2018



