Kgokgontsho ya bong e iphile maatla kwa Tsabong
06 Jun 2018
Dipalo di supa fa kgokgontsho ya bong e le kwa godimo mo kgaolong ya Tsabong le metse e e mabapi.
Mafoko a, a builwe ke mookamela mapodisi a Tsabong Supurintendent Christopher Tlhapi-David mo thuto-puisanyong e e neng e rulagantswe ke ba lekgotla le le ikemetseng la KGASONGO Association.
O tlhalositse fa mapodisi ba itemogetse fa go ya ka dipalo tsa dikgang tse ba di amogetseng, ba-tswa setlhabelo gantsi e nna bomme le bana ba basetsana.
A re ka 2016 ba kwadisitse dikgang tsa petelelo di le nne, tsa dititeo di le masome a mabedi le borobabongwe fa molato wa go bolaya o ne o le mongwe.
O tlhalosa gore melato ya go itaya motho a bo a nna le dikgobalo tse dipotlana yone e ne e le lesome le bongwe.
Mookamela mapodisi a Tsabong o tlhalositse gore ba ne ba kwadisa melato ya borre ba ba tlhakanelang dikobo le bana ba bannye e le lesome mme bontsi jwa bone e le bana ba sekole.
O tlhalositse fa ba itemogetse gore gantsi badira molato ba a bo ba itontetse nnotagi le diritibatsi tse dingwe tse di dirang gore ba felele ba kgokgontsha batho.
Rre Tlhapi-David a re e re ka kgokgontsho ya bong e le mefuta, ba itemogetse gape gore go na le bangwe ba ba dirang melato ka ntata ya go tlhoka kitso, mme a re go botlhokwa gore setshaba se nne se rutwa ka dikgang tsa mofuta oo.
A re e re le ntswa dipalo di supa fa bomme e le bone ba-tswa setlhabelo, go na le borre ba ba kgokgontshiwang mme ba tlhajwa ke ditlhong go ikuela.
O tlhalositse fa mokgwa o o sa siama ka jaana batho ba mohuta oo e le bone ba ba feletsang ba dirile melato ya go bolaya batho, ka jaana ba a bo ba kgokgontshitswe ka lobaka mme ba tlhokile go ka thusiwa.
Supurintendent Tlhapi-David o ne rotloetsa borre go nna ba ikuela kwa go ba molao fa ba kgokgontshiwa go hema diemo tsa gore e re kwa bofelong ba bo ba bolaya batho kana ba ipolaya.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Gabriel Ntau o tlhalositse gore kwa dikgotleng tsa bone ba itemogetse gore bothata jo bo teng ke gore batho ba nna mmogo ba sa nyalana.
O tlhalositse fa gantsi bana ba tlogelwa ba tsamaya ba le nosi masigo mme se se felela se dira gore ba iphitlhele ba tsene mo ditirong tsa botlhoka tsebe. Dibui ka go farologana ba ne ba supa fa batsadi ba tshwanetse go tsaya boikarabelo mo go kgalemeleng bana le gone go ba bontsha tsela ya tshiamo ka go lebega mo malatsing ano ba tlhabile kgobe ka mutlwa mme ba tloge ba di tlhaolela di bekerwe.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Tsabong
Event : Thuto Puisano
Date : 06 Jun 2018



