Breaking News

Badiri ba Meepo ba kopa dithuso

06 Jun 2018

Mothusa Modulasetilo wa lekgotla la Yo o Dithetsenyana, Rre Kgomotso Ramothukgwana o rotloeditse badiri ba meepo ba pele ba ba diretseng kwa Afrika Borwa go emela dikgang tse di ba amang ka dinao go fitlhelela ba bona dithuso tse di ba tshwanetseng.

O buile jaana kwa moletlong o mo go one go neng go simolodisiwa lekgotla la bone semmuso kwa Kanye bosheng.

Moletlo o, o ne o tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng: Mmatlakgwana Ya ga gabo ga a Swe Lentswe.

A re lekgotla la bone le tlhamilwe ka 2015 mme la kwadisiwa ka fa tsamaisong ya molao wa Botswana Phatwe a tlhola lesome ka 2016.

Rre Ramothukgwana, yo o bileng e le mokwaledi mogolo a re ba na le matshwenyego a le mantsi a ba batlang puso le makgotla a a tshwanang le bone go ba thusa go a rarabolola.

A re ba kopa gore go tlhotlhomisiwe gore a diemo tse ba neng ba direla mo go tsone kwa meepong ya Afrika Borwa di ne di tsamaelana le diemo tse di maleba tsa meepo ka jaana ba le makoa fela botlhe, ba tshwentswe ke gore ga go na dituelo tsa ba ba lwalang bolwetse jwa kgotlholo e tona ntswa bo gapile matshelo a bone ba le bantsi.

O ne a tlhalosa gore pele ga ba ya meepong, ba ne ba tlhatlhojwa mme fa ba setse ba bowa, ba ne ba seka ba tlhatlhojwa mme ba ne ba batla go itse fa puso e ne e sena seabe mo go hirweng ga Batswana kwa meepong eo.

O supa fa ba tshwentswe gape ke gore badiri bangwe ba tlhokafaletse kwa Afrika Borwa mme ba bolokelwa teng go sena yo o tshwenyegileng, a tlatsa ka go re ba ne ba bereka fela jaaka makgoba ka jaana ba ne ba sa itse tota gore ba amogela bokae ka go ne go sena tumalano ya dituelo e e neng e kwadilwe.

O boletse fa puso le ba malwapa a bone ba tshwentswe ke badiri bao ba pele ka jaana ba sa itekanela mme ba tsweletse ka go bidiwa maina a tshwana le batlhoki, ba-tlhoka pono, ba -tlhoka kutlo, ba-na-le bogole ntswa dituelo tse di neng di ka ba tshidisa di setse kwa meepong eo.

Rre Ramothukgwana a re o dumele gore badiri ba meepo ba nnile le seabe se segolo mo go rudiseng itsholelo ya Botswana, ka jalo, ba tshwanetse go tsewa jaaka bagaka.

Re ntse re le foo, o ne a kopa puso gore le bone e nne bontlha bongwe jwa batho ba ba atswiwang ka sengwe kgwedi le kgwedi jaaka bagaka ba ntwa ya maloba.

O ne a leboga tona wa botsogo ka dikgato tse a tsweletseng ka go di tsaya tebang le botsogo jwa bone.

A re ba tlaa tswelela ba tshwaragana le makgotla a tshwana le Botswana Labour Migrants Association (BOLAMA) go ba thusa go lwa ntwa e.

Mongwe wa batsena phuthego eo, Rre Sebati Kabomo o tlhalositse fa maikaelelo magolo a letsatsi leo e ne e le go phutha Batswana ba ba diretseng kwa meepong le ba ba santseng ba direla teng e le tsela nngwe ya go aga botsalano jwa bone, go thusa badiri ba pele ba ba diretseng kwa meepong tebang le botsogo jwa bone jwa mmele le moya, go ruta batho ka ditso tsa Batswana ba ba diretseng kwa meepong ya Afrika Borwa tebang le seabe sa bone mo go ageng Botswana.

A re mangwe maikaelelo ke go neela bana le batlholagadi ba banna ba bone le borraabone ba tlhokafaletseng kwa meepong thuso ya tshidilo maikutlo le go dira botsalano le makgotla  kana maphata a a itebagantseng le botsogo jwa Batswana ba ba diretseng kwa meepong gareng ga a mangwe.

Moemedi go tswa kwa BOLAMA, Rre Ophaketse Mmokele a re ba tsweletse ka go lwa ntwa e gore ba tle ba bone dithuso le bone. O tlhalositse fa lekgotla la Ditshwanelo le ne le itebagantse thata le ba ba lwalang mahatlha, ka jalo ba ne ba tshwaragana le lekgotla leo go bopa BOLAMA gore ba kgone go akaretsa dikgang ka mefuta di tshwana le tsa ba ba berekileng lobaka kwa meepong le  ba ba robegileng gareng ga tse dingwe.

Rre Mmokele o ne a bolela fa puso e ne ya ba thusa go aga kokelwana kwa Molepolole e mo go yone go neng ga tlhatlhojwa Batswana ba ba bereketseng kwa meepong ke baitseanape go tswa Afrika Borwa go tlhomamisa fa e le ruri ba lwala.

O boletse fa mo bo gompienong bangwe ba setse ba dirile dikarata tsa banka tse ba tlaa di dirisang go bona dikatso tseo.

Mogokaganyi wa ditiro wa lekgotla la BOLAMA,  Rre Moses Motlhale o boletse fa puso ya Botswana le Afrika Borwa ba dumalane gore ba tlaa duela badiri ba meepo ba ba lwalang bolwetse jwa kgotlholo e tona e e alafasegang.

A re Afrika Borwa e tlaa ntsha P70 000 fa Botswana ene a tlaa ntsha P40 000 go ba thusa.

 Mme Sarah Lesole yo e leng mogokaganyi wa lekgotla leo le ene a tlhalosa fa Afika Borwa a ne a ntsha motshine o o neng wa tsisiwa mo Botswana go tla go tlhatlhoba badiri ba ba neng ba tsenwa ke bolwetse jwa kgotlholo e tona jo bo sa alafasegeng mme bontsi ba tshwarwa ka jone.

O ne a tlhalosa fa badiri bangwe ba meepo ba ne ba tshwarwa ka malwetse a tshwana le Silicosis le TB mme puso ya Afrika Borwa ya dumalana gore botlhe ba ba tshwerweng ka malwetse ao mo mafatsheng a SADC a le lesome le bobedi ba tlaa kgaogana R5 billion.

Rre Keemenao Lesole o ne a tlhalosa fa e ne ya re ka 1880, Rre Cecil John Rhodes a tla ka molao o o neng o dira gore batho bantsho e nne makgoba ka jaana  ba ne ba sa tshwanela go tsamaya gongwe le gongwe kana ba sela teemane.

Ka jalo, o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore puso e lemoge badiri ba meepo ka jaana le bone ba dirile Botswana se e leng sone gompieno.

Fa ba akgela, badiri bao ba pele ba ne ba lebogela tsotlhe tse lekgotla leo le tsweletseng ka go di dira go ba thusa.

Fa a leboga, modulasetilo wa lekgotla la Yo o Dithetsenyana, Rre Rebaone Bene o ne a lebogela botlhe ba ba neng ba tla phuthegong eo go tla go ntsha mafatlha a bone.

O ne gape a lebogela lekgotla la BOLAMA go bo ba ne ba amogela taletso ya bone mme a tlhalosa fa ba tlaa tswelela ba dirisanya le bone.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mmoloki Mauco

Location : Kanye

Event : Moletlo

Date : 06 Jun 2018