Boitsholo jo bo makgapha bo a tshwenya
05 Jun 2018
Kgosi Malepa Orekeng wa Ntlhantlhe mo kgaolong ya Borwa a re ga a jesiwe diwelang ke boitsholo jo bo makgapha jwa banana mo motseng wa gagwe.
Fa a bua mo potsolotsong, Kgosi Orekeng o tlhalositse fa dikgang tsa botlhoka tsebe jwa banana tse di tlang kwa go ene di amanngwa thata le tiriso botlhaswa ya dino-tagi le diritibatsi e bile di tsweletse ka go golela pele.
A re dikgang tse tsa maitsholo a a makgapha go supagala fa di dirwa thata ke banana fa ba le mo kgatelelong ya diritibatsi le nnotagi ka dinako tsa maitiso.
A re melato e a e amogelang ke ya dintwa ga mmogo le go tshosetsana matshelo.
Kgosi o kaile fa botlhoka tsebe jo bo diragalela thata kwa marekisetsong a dino e bile bontsi jwa melato bo amanngwa le bana ba basimane.
A re mo nakong e e fetileng o kile a ba rulaganyetsa thuto-pusanyo le mapodisi, gore ba tle go ba tsibosa ka bodiphatsa jwa tiriso botlhaswa ya nno-tagi le ditiribatsi mme ba tlhoka go iponagatsa.
Go sa le foo, kgosi a re morafe o tshwenngwa ke bogodu jwa dikgomo jo bo apesitseng Ntlhantlhe le metse e e mabapi kobo ka letshoba e bile bo tsweletse ka go golela pele bosigo le motshegare.
A re bogodu jwa dikgomo bo godisiwa ke batho ba ba tswelelang ka go reka dinama tsa dikgomo mo magodung ntswa ba tsibosiwa ka borai jwa go sa saleng tsamaiso ya go reka dinama morago.
Kgosi o kaile fa tlhaelo ya dikoloi tsa mapodisi mo kgaolong e folodisa maiteko a bone a go tshwara magodu ka nako fa ba lomilwe tsebe.
O bile a kopa morafe gore ba seka ba ipona tsapa go loma mapodisi tsebe ka dikgang tsa mofuta o. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Galaletsang Letshoo
Location : NTLHANTLHE
Event : Potsolotso
Date : 05 Jun 2018



