Bagodi ba lebogela ditlamelo
05 Jun 2018
Bagodi ba Mosweu, Mokokwana le Seolwane ba supile fa ba itumeletse tsamaiso e e dirilweng ke ba lephata la diposo e ka yone ba amogelelang mo dikgotleng tsa bone ka go farologana.
Bagodi ba metse e ba supile boitumelo fa ba ne ba buisana le BOPA mo potsolotsong bosheng.
Ba tlhalosistse fa tlhabololo e e ba kgaoletse mosepele, ka jaanong ba sa tlhoke go tsamaya sekgala go ya kwa Maunatlala le Lerala go lata diofisi tsa poso.
Mme Boemo Motshabi wa dingwaga tse di masome a supa le borataro wa Mokokwana o supile fa thulaganyo e, e le maiteko a matona fela thata, go tsisa ditlamelo gaufi le bone.
Mme Motshabi o boletse fa go tsamaya sekgala se se leele go ne go ba babalela.
“Kana fa re setse re godile jaana le maoto ga a sa tlhole a ikutlwa go ka totoba sekgala se seleele,” a bua jalo a supa fa go amogelela mo dikgotleng go tlaa ba thusa thata.
Mme Motshabi o supa fa gantsi ba ne ba tlamega go leka ka maoto go lata dikamogelo kwa metseng e e nang le diposo lebakeng la tlhaelo ya dipalamo tsa setshaba mo kgaolong ya bone. O akgotse maiteko a puso e tsweletseng ka go a neela bagodi ba lefatshe leno.
A re bagodi fa ba ile go kopa ditirelo mo maphateng le dikokelo ba diretswe thulaganyo e e faphegileng gore ba bone thuso mo nakong e e sa fediseng pelo, selo se a kaileng fa se e le go supa fa ba lemotshega mo setshabeng.
Mme Mokgadi Kwatlhao wa Mosweu le ene o ne a supa fa thulaganyo e e ba tswetse mosola thata.
A re ba ne ba setse ba fetogile merwalo ya bana ba bone fa go tla nako ya go amogela ka ba ne ba tshwanelwa ke go bona gore ba goroga jang kwa diposong mme seo se ba tshwarelele go dira ditiro tsa bone tsa tsatsi le letsatsi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Juliah Kotlhao
Location : LERALA
Event : Potsolotso
Date : 05 Jun 2018



