Monana o rotloetsa ba bangwe go tsaya mananeo
05 Jun 2018
E re jaaka letlhoko la ditiro le ile magoletsa e bile le amile banana thata, bangwe banana ba tsweletse ka go bula dikgwebo e le ntlha nngwe ya go tila manokonoko ao.
Mongwe wa banana ba ba filweng madi a banana a Youth Development Fund (YDF) o rotloeditse banana ba bangwe gore ba seka ba ipona tsapa mo go tseeng mananeo a puso ka a le mosola mo go lwantsheng letlhoko la ditiro le lehuma.
Mme Tefo Sekotlo wa dingwaga tse di masome mararo le borataro wa madirelo a go roka a Paccino Designs a re lenaneo le le mo tswetse mosola le kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle.
E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, a re o filwe P99 000 ka 2015 go simolla kgwebo eo.
O tlhalosa gore ka nako eo o ne a sa bereke mme seo se ne sa mo tiisa moko go diragatsa maitlamo le dikeketso tsa gagwe tsa go tsamaisa kgwebo ya gagwe.
A re o direla kwa marekisetsong a koporasi ya Molepolole mme ka madi a a a filweng o ne a reka metshine e le mmalwa e e rokang e bile e farologane ka ditiro, a reka gape le ntlwana ya ditshipi ga mmogo le didirisiwa tse dingwe tsa kgwebo jaaka khomputara.
Mme Sekotlo o tlhalosa gore o tswa kgakala le go roka, ka a tswa mo lelwapeng la baroki, ka jalo ke tiro e a saleng a e ithutile a le mmotlana.
Ka jalo mo nakong ya gompieno o na le botsipa jo bo tseneletseng jwa go roka mefuta ya diaparo le go e kgabisa.
O tlhalosa gore ke tiro e a e dirang ka lorato le bopelotelele, e bile gape e batla motho yo o ratang go ela tlhoko se a se dirang.
Ka jalo, e mo rutile go dirisana sentle le bareki ga mmogo le go tlhaloganya gore ba batla eng.
A re lenaneo la madi a banana le mosolegetse molemo thata ka a ne a nna le sebaka sa go tsenelela dithuto-puisanyo di le mmalwa kwa a neng a tsaya malebela mo baroking ba bangwe ga mmogo le go amogana dikitso.
Ka jalo a re seo se ne sa dira gore a gole mo kgwebong ya gagwe ka a ne a dirisa dikitso tse a di ithutileng go ipapatsa mo maranyaneng a Facebook le tse dingwe.
A re seo se ne sa mo ngokela bareki mme ya nna sekao sa gore dithuto-puisanyo tseo di mosola thata mo kgwebong ya gagwe.
A re gape o ne a nna le sebaka sa go tsenelela dikgaisayno tsa malatsi a ga Tautona tsa go roka ka 2015 kwa a neng a fitlha kwa dikgaisanong tsa dikgaolo.
E rile ka 2016 a iteka lesego gape mme a tswelela ka go dira bontle gore a felele a tsere maemo a bobedi mo dikgaisanyong tsa lefatshe lotlhe.
O ne a gapa P8 000 le setlankana sa kakgolo e le dilwana tsa teng di ne tsa rekisiwa ka P4 000.
A re seo se ne sa mo tiisa moko le go feta ka a ne a tsenelela dikgaisanyo tsa mafatshe a Borwa jwa Afrika tsa Southerna Africa Youth In Tourism ka 2016 kwa a neng a ikgapela maemo a boraro.
A re le kwa moletlong wa ngwao wa Dithubaruba o setse a kile a ya go rekisa dilwana tsa gagwe teng mme a bona dipoelo tse di nametsang.
Le fa go ntse jalo, a re o lebanwe ke kgwetlho e tshwana le ditlhwatlha tse di kwa godimo tsa phiriso ya lefelo le a direlang mo go lone ga mmogo le kgaisanyo e ntsi go tswa mo baroking ba batswakwa, ka jalo go isa kgwebo ya gagwe kwa tlase.
E rile a wetsa, a kopa banana ka ene go tsaya maneneo ka tlhoafalo.
A re ene ke sekai sa gore mananeo a na le mosola ka ene madi a banana a mmuletse kgwebo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : MOLEPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 05 Jun 2018



