VDC ya Mosweu e thusa motlhoki
05 Jun 2018
Maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mosweu mo kgaolong ya Lerala/Maunatlala e rile bosheng ba laletsa dikereke ka go farologana go tla go thusa go kokoanya madi a go agela lelwapa lengwe le le tlhokileng lesego ntlwana ya boitiketso.
Mme Martha Banogi yo e leng mokwaledi mo komiting e, o tlhalositse mo potsolosong le BOPA gore e le maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse, ba ne ba bona go le maleba go tsenya letsogo mo ditirong tsa bopelotlhomogi, mme ba lemoga lelwapa leo.
O supa fa go dira tiro e, e ne e le go batla go tshegetsa maitlamo le maikemisetso a Tautona wa pele Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama a go busetsa seriti mo matshelong a batho ba ba tlhokileng lesego.
Mme Banogi a re o dumela fa kago ya ntlwana ya boitiketso kwa lapeng leo e tlaa ba fa seriti, le go rotloetsa bophepa.
O boletse fa dikereke di supa di ne tsa tsibogela pitso e, mme tsa nna le seabe mo tirong eo.
Fa a tswa la gagwe, Mme Tsaone Baikananyi, yo e leng motshwara madi mo komiting ya ditlhabololo, o boletse fa ba ne ba kgona go kokoanya P700 mo pitsong e o, mme ba santse ba solofetse a mangwe go tswa mo dikerekeng tse di neng di sa kgona go iponatsa.
O kaile fa madi ao a tlaa ba thusa go tsweledisa maitlamo a bone, a tlatsa ka go re ba dumela fa ba na le boikarabelo jwa go nna sekao mo banning ka kakaretso go nna le mowa wa boutlwelobotlhoko mo go ba ba tlhokileng lesego. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Juliah Kotlhao
Location : MOSWEU
Event : POTSOLOTSO
Date : 05 Jun 2018



