Komiti ya Botlhapatlou e lela ka dituelo
05 Jun 2018
Komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Botlhapatlou e lela ka dituelo tsa matlo a boroko a e a hiriseditseng badirela puso bangwe.
Modulasetilo wa komiti eo, Rre Olekile Ramogotlho o ntshitse matshwenyego a bone mo potsolotsong le BOPA, a supa fa bangwe ba badirelapuso ba tsaya nako e telele go duela matlo a boroko.
Rre Ramagotlho o ne a tlhalosa fa ba lekile ka bojotlhe go bitsa ba ba amegang go kopana le bone go itse ka se se ka tswang se ba paledisa go duela ka nako, mme a re ba iteile sefololetse ka go ne ga tla bahirisi ba e seng badirelapuso fela.
Mo go tse dingwe, Rre Ramagotlho o tlhalositse fa ba itela ka go tlhoka go okelediwa dipalo tsa phiro ya lenaneo la Ipelegeng.
O supile fa ba fiwa palo ya go hira batho ba le masome a marataro, mme gangwe le gape dipalo tsa batho ba ba kopang go hirwa di feta masome a fera bongwe kgwedi le kgwedi.
O ne a kaya fa ka letsatsi le ba hirang ka lone, batho ba rwala masigo ka tlhogo, selo se a reng se ba baya mo diphatsheng tsa go tlhaselwa ke dilalome.
Rre Ramagotlho a re go wela tlase ga temo mo kgaolong go dira gore bontsi jwa batho ba ikanye lenaneo la Ipelegeng go itshetsa.
E ne ya re a ama tse dingwe tsa motse, Rre Ramagotlho a tlhalosa fa ba sa kgotsofalele ka fa kompone e e hirilweng go gopa tsela ya Hatsalatladi-Botlhapatlou e dirisanyang le bone ka teng.
O supa fa e ba kgaphela ntle ka e sa ba biletse bokopano fa e bo dirile mo motseng.
E ne ya re a tlatsa, leloko la komiti ya ditlhabololo Rre Babonwang Mokgwaphe a supa fa mo motseng go na le dikgosana tsa tetlanyo tse di sa duelweng mme ba na le sebaka sa dingwaga di feta masome a mabedi ba ntse ba ithaopile.
O ne a supa fa ba na le kgwetlho ya letlhoko la koloi ya kokelo.
A re fa go na le molwetse mo motseng, go tsaya nako e telele ba letile koloi go tswa kwa Malwelwe, mo go kgonang go direga gore molwetse a felele a tlhokafetse.
O ne a tlhalosa fa ba na le letlhoko la boroko jwa baoki kwa kokelong, a tlatsa ka go re, kokelo ya bone e tshwanetse gore mo nakong eno e bo e na le ngaka e bile e setse e atolositswe e na le lefelo la pelegiso.
Rre Mokgwaphe o ne a supa fa ofisi ya molemisi le yone e le mo seemong se se sa kgatlhiseng le ntswa ba ikuela mo go ba ba maleba ka yone mme go se nko e tswang lemina.
Ditiro tse dingwe tse komiti e di solofetseng mo lenaneong leo monongwaga di akaretsa go agelwa ofisi ya boipelego, go alwa ga matlapa mo kgotleng le go tshubelwa motlakase mo matlong a boroko a komiti ya ditlhabololo tsa motse.
O supile fa go nna maoto a tshupa ga bodiredi jwa khansele-potlana ya Letlhakeng go dia gore ditiro tsa ditlhabololo ka bontsi di fediwe ka nako.
Rre Mokgwaphe a re dingwe di tshwana ntlo ya boroko ya dikamore tse pedi e e agwang e ka bo e weditswe go dirwa mo ngwageng o o fitileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Jacob Obotseng
Location : BOTLHAPATLOU
Event : POTSOLOTSO
Date : 05 Jun 2018



