Ba feta 30 000 ba letile go bewa
04 Jun 2018
Mothusa mokwaledi wa lekgotlana le le botlana la kabo ditsha la Serowe, Rre Morapedi Ntwaagae a re kabo ditsha ya bofelo go dirwa kwa Serowe ke ka 2016, go bewa baikopedi ba 2005/2006 kwa kgotleng ya Semane.
A re go ne go na le ditsha di le 2 500 kwa Semane mme ga seka ga bewa di le 900.
Rre Ntwaagae o neng a bua kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Serowe Bokone gape e le mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Kgotla Autlwetse ka Laboraro kwa Serowe.
A re lengwe la mabaka a a dirileng gore dingwe di seka tsa bewa ke gore e a re fa go bewa, go nne le bangwe ba ba atleng ba supe fa lefatshe le go bewang mo go lone e le masimo a bone jaaka go diragetse kwa Semane mme seo se kgoreletse peo.
Rre Ntwaagae a re ba mo dithulaganyong tsa go bona gore kgang e e ka rarabololwa jang.
A re palo ya baikopedi ba ba iseng ba bewe ke 30 620, e akaretsa Serowe le metse e e mabapi, mme dipalo tsa Serowe fela e le 20 003.
“Tsholofelo ke gore botlhe pheletsong ba bewe,” Rre Ntwaagae a tlhalosa.
Rre Ntwaagae a re Serowe ke motse selegae o o gogelang go nna motse setoropo mme o bewa ditsha ka thulaganyo.
Ditsha tsotlhe, tsa bonno le kgwebo a re di direlwa moalo pele ga di ka ajwa e re kwa go nang le diphatlha teng go kopiwe bogakolodi jwa bomaitseanape gore di ka dirisediwa eng, mme le tsone di direlwa moalo pele.
Rre Ntwaagae a re mo bogompienong lekgotla la kabo ditsha le sekaseka go batlisisa ka diphatlha tse di mo gare ga motse gore di direlwe mealo pele ga di ka bewa.
Rre Ntwaagage o ne a araba Rre Gothataone Keboifile yo a neng a botsa gore fa go twe peo ya ditsha e diegile, go tewa go tsere sebaka se se kae.
Rre Keboifile o ne a kopa gape gore a go ka seke go sekasekwe gore mo boemong jwa dipone tsa mo mekgwatheng, go dirisiwe tse di bogale kana ka tsone di bonesa kgakala, mogopolo o modulasetilo wa khansele- potlana ya legare, Rre Mpho Keoreme a neng a re o ka sekasekwa.
Rre Keoreme a re dipone tse, di ka tlhofofatsa tiro le go boloka madi mme sebe sa phiri ka tsone ke gore di bogale mo bangwe segolo jang ba ba tlaa bong ba bapile le tsone ba ka ngongoregang gore di ba tlhora boroko.
A re mogopolo o o tlaa batla ditshekatsheko tse di tseneletseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Amogelang Makgabenyana
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 04 Jun 2018



