Kgosi Tshukudu o galala dipalo
04 Jun 2018
Kgosi wa Malotwana, Kgosi Robert Tshukudu a re ga a itumedisiwe ke ka fa banni ba motse oo ba sa tseneleleng ditiro tsa kgotla ka teng ka ba tla ka boutsana.
Kgosi Tshukudu o buile jaana kwa Malotwana fa ofisi ya ga molaodi e ne e tshwere letsatsi la go tsisa ditlamelo kwa bathong bosheng.
Kgosi Tshukudu a re o ne a solofetse palo e ntsi ya batho go tla go kopa dithuso mo maphateng a a farologaneng mme o swabile nko go feta molomo.
Kgosi Tshukudu o ne a gwetlha morafe wa Malotwana go dirisa sebaka se ba se filweng, le gore ba botse ba maphata ka ditlamelo tse ba tlang ka tsone.
O ne a rotloetsa morafe go nna le seabe ka go tsenelela diphuthego tsa mofuta o, ka ditlamelo le thuto di a bo di tsisitswe gaufi le bone gore ba di dirise.
A re maphata a a tsisitseng ditlamelo mo motseng a thusitse ka se se tsile go solegela banni molemo ka ba tsile go fokotsa mosepele le dituelo go di latela kwa Mochudi.
Mogolwane wa tsa ditlhabololo mo ofising ya ga molaodi ya Kgatleng, Mme Sesha Kontle o ne a nankola fa kgang ya letsatsi e le go tla go ruta setshaba ka maphata a a farologaneng a puso le a a ikemetseng.
A re puso e rotloetsa dikgaolo go isa ditlamelo kwa metseng e e kgakala mme ba bona go le maleba go tla mo Malotwana.
Mme Kontle a re go tsisa ditlamelo mo banning ba ba kwa magaeng go fokoletsa banni mosepele le dituelo tsa go latela ditlamelo kwa metseng e e tshwanang le Mochudi e e nang le ditlamelo ka go farologana.
O rotloeditse banni ba Malotwana go dirisa monyetla o ba o filweng ka go tsisediwa ditlamelo.
Mme Kontle o ne a leboga go nna teng ga maphata a a ikemetseng ka nosi a a akaretsang Local Enterprise Authority le BotswanaPost, a re se se supa fa ba batla go ruta Batswana ka ditlamelo tse ba nang le tsone.
A re se maphata a se dirang ke go supa fa ba kgathala ka go thusa morafe le go itse ka matshwenyego a bone.
Moemedi wa BotswanaPost, Mme Tsholofelo Kealebale a re ba bone go le maleba go dirisa monyetla o go tsisa ditlamelo tsa bone kwa morafeng.
A re monyetla o, o ba bereketse ka ba kgonne go ruta banni ka ditlamelo tse ba di fang Batswana kwa posong.
Mokhanselara wa Ntshinoge, Rre Thabo Komane o ne a leboga botlhe ba ba tsereng karolo mo letsatsing la go tsisa ditlamelo mo Malotwana mme a re se se tshwanetse go iteelwa legofi.
O ne a gwetlha banana go akola ditlamelo tse a re ba ithute ka maphata ka ba tsiseditswe thuto e e sa duelelweng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebo Rakanyane
Location : MALOTWANA
Event : Letsatsi la go tsisa ditlamelo kwa bathong
Date : 04 Jun 2018



