Breaking News

BCLM e aba ntlo

04 Jun 2018

Kompone ya gase ya BC & LM e ne ya re bosheng ba abela Mme mongwe kwa Gakuto ntlo ya tlhwatlhwa e e ka tshwarang P100 000.

Fa a bua kwa moletlong wa go aba ntlo eo, mothusa mokwaledi mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Duke Masilo o ne  leboga kompone eo go bo ba tsile mme yo matshidiso, a re ntlo eo e tlaa mo fa seriti.

Rre Masilo o boletse fa ntlo e le botlhokwa ka jaana e sa fe motho seriti fela, mme e le lefelo la botshabelo ka nako ya dibetsa tsa tlholego jaaka dipula, serame le tse dingwe.

O tlhalositse fa se BC & LM e se dirileng e le go  supa lorato le go dira mmogo le setshaba ka go supa fa ba sa ipeele dipoelo go di akola ba le nosi, mme ba di dirisa go tlhabolola matshelo a setshaba.

Rre Masilo yo o neng a bua mo boemong jwa mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso a re se, ke thotloetso, ka go dira jalo go tsamaelana le maiteko a puso, e ka nosi e ka sekang ya kgona go agela Motswana mongwe le mongwe ntlo.

Mookamedi wa BC&LM o ne a leboga maloko a komiti ya motse go supa mowa wa boithaopo ka go ne ga thusa tlhwatlhwa ya kago ya wela tlase.

O tlhalositse fa bangwe mo motseng ba ne ba ithaopa go aga ba sa duelwe, fa mokhanselara ene a ne a rora motlhaba.

Se se ne sa itumedisa mopalamente wa kgaolo e bile gape e le tona wa merero ya mafatshe a sele le ditirisanyo, Rre Vincent Seretse mme a kgothatsa banni go tswelela  ka mowa wa bojammogo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GAKUTO

Event : Moletlong wa kabo ntlo

Date : 04 Jun 2018