Breaking News

Batsadi ba rotloediwa go lesa bana go sala ditoro morago

04 Jun 2018

Martha’s Kitchen ke marekisetso a dijo a a tumileng mo Kasane ka go apaya dijo tse di monate e bile di le phepa ka nako tsotlhe.

Fa o tsena ka kgoro ya marekisetso ao o kopantshiwa ke monyenyo wa mookamedi e bile e le mong wa madirelo ao, Mme Martha Ramaditse.

Mme Ramaditse ke mme wa dingwaga tse di masome mararo le bosupa.

O tlholega kwa Nata mme o tlhalosa gore o tsene sekole se segolwane kwa Masunga ka 2009 mme a ya go tsweledisa dithuto kwa Afrika Borwa a dira Diploma in Markerting kwa Helderberg College ka 2001.

O tlhalosa fa a tswa kgakala ka go rata kgwebo ka gore e ne e re fa dikole di tswalwa a bo a reka dilwana kwa Afrika Borwa a bo a tla go rekisa mo Botswana mme a boloke madi a teng ka gore o ne a na le maikailelo a go simolola kgwebo fa a sena go wetsa dithuto.

Mme Ramaditse o tlhalosa fa a tswa kgakala a rata go nna le botshelo jo bo botoka mme e bile a dumela gore ga go na sepe se se ka kganelang ope go atlega mo botshelong fa a na le maikaelelo a go dira jalo.

O tlhalosa fa a  godisitswe ke mmaagwe mogolo ka mmaagwe o ne a berekela kgakala mo mafelong a a farologanyeng jaaka Kasane le Maun.

A re o gakologelwa a bolelela mmaagwe mogolo gore o e letsa go bula kgwebo ya maroko fa a gola mme mosadimogolo o ne a tshega le go nyatsa ditoro tseo tsa gagwe.

A re seo ga se ise se ke se mo kgobe marapo ka gore o ne a batla go rurifatsa ditoro tsa gagwe.

Jaaka go twe mosele wa pula o epiwa go sa le gale e ne ya re go fetsa dithuto kwa Afrika Borwa a simolola go bereka mme a boloka madi.

Mme Ramaditse a re o berekile mo bankeng ya FNB kwa Gaborone sebaka sa ngwaga, a tloga a bereka kwa marekisetsong a lookwane a Engen kwa Nata e le mookamedi, mme a tloga a bereka ngwaga gape kwa Pandamatenga Food Save e ntse e le mookamedi.

A re nako nngwe a ya Zambia go reka dingwe o ne a lemoga go na le batho ba le bantsi mo Kazungula go tswa mafatsheng a sele jaaka Zambia, Zimbabwe, Namibia mme go sena marekisetso a dijo.

A re selo se se ne sa tsisa kgatlhego mo go ene ya go simolola kgwebo ya go rekisa dijo.

Mogwebi yo a re o ne a simolola ka go rekisa dijo a dirisa koloi ya gagwe kwa Kazungula a apaya dijo tsa phakela le tsa motshegare, mme o ne a lemoga fa kgwebo e dira sentle e bile dijo tsa gagwe di fela ka nako.

Jaaka e le mogwebi yo o ponelopele o ne a gwetlhega go nna le fa a direlang teng gore batho ba kgone go mmona motlhofo fa ba batla dijo.

O ne a hirisa kago mo Kasane a bo a bula bentlele a dirisa madi a a neng a ntse a boloka.

Marekisetso ao, a a tumileng ka leina la Martha’s Ktichen a dira sentle mme e bile a setse a dirile gore a reke setsha sa madirelo kwa Nata go dira Martha’s kicthen ya bobedi.

O tlhalosa fa marekisetso a gagwe ka bobedi a thapile batho ba le lesome le bone mme banana ba le lesome le motso.

Mme Ramaditse o tlhalosa gore e rile go bona kgwebo e dira sentle ba Local Enterprise Authority (LEA) ba mo laletsa go e kwadisa ka gore go botlhokwa go sireletsa maina a kompone ya gagwe.

O bolela fa LEA e ne ya mo thusa gape ka go mo isa dithutong tsa kgwebo mme e bile o rotloetsa Batswana go dirisa makalana a puso a tshwana le LEA ka gore a botlhokwa kgwebong.

A re e rile go utlwalela ka kgwebo ya gagwe, khansele ya Chobe ya mo latela mme ya simolola go mo rotloetsa ka go mo thapa nako dingwe gore a nne a ba rekisetsa dijo fa ba na le mediro.

Mogwebi yo a re kompone ya gagwe e setse e rekile dikoloi di le nne tsa modiro wa honda fit, mme o tlhalosa fa tsotlhe e le tsa kgwebo.

A re ga a ise a ineele mo torong ya gagwe ya go bula kgwebo ya boroko mme e bile o setse a rekile setsha sa bonno a bo a aga dikago mo teng mme o setse ka go feleletsa dipampiri tsa go gweba gore kgwebo eo e simolole. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Johnson Mabuta

Location : KASANE

Event : Potsolotso

Date : 04 Jun 2018