Breaking News

Sesame o semeletse ka ditlhabololo

04 Jun 2018

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo ya Sesame Kagiso kwa Selebi Phikwe, Rre Dithapelo Moloi o supile fa ba semeletse go tlhabolola kgaolo jaaka kago ya mesele e e laolang metsi le go penta matlo mangwe a borutelo a sekole se sebotlana sa Joseph Anderson.  

Rre Moloi o ne a supa fa ba tshwenngwa ke gore ditiro tsa go nna jalo di abetswe boradikonteraka ba banana mme bontsi jwa bone ba sena dingwe tsa didirisiwa jaanong go le thata gore ba ka hirisa dingwe tsa tsone mo go ba ba setseng ba godile ka go le turo.

Rre Moloi o ne a kopa gore go sekasekwe gore banana ba thusiwe ka didirisiwa tsa go nna jalo ka seo se ka dira gore dikompone tsa banana di kgone go gola di bo di itshetele.

Rre Moloi o ne a kopa mopalamente go tlhoafalela go ngoka dikompone tse di ikemetseng gore di tle go bula dikgwebo mo Selebi Phikwe ka lehuma le letlhoko la mmereko di golela pele.

Rre Moloi o ne a supa fa bangwe ba ne ba itshetsa ka go rentisa matlo a bone mme a setse a fetogile matlotla morago ga go tswalwa ga moepo wa BCL, a tlhalosa fa dingwe dikompone tse di neng di santse di setse mo Selebi Phikwe le tsone di simolotse go kgaola babereki.

E rile a a kgwa modulasetilo dikgaba, Mopalamente wa Selebi Phikwe Bophirima, Rre Ditlhapelo Keorapetse a kopa bo radikonteraka ba ba setseng ba godile go thusa banana gore le bone ba kgone go gola ba bo ba ikemela ka nosi.

Mo go tse dingwe, Rre Keorapetse o ne a supa fa SPEDU e setse e tlhamile ditiro tsa batho ba le makgolo a marataro masome a matlhano le bofera bobedi (658) mo kgaolong e e mo tikolong ya Selebi Phikwe mme seo se sa lekana.

Rre Keorapetse o ne a lekodisa morafe wa Selebi Phikwe Bophirima fa melao mengwe e fetisitswe kwa palamenteng jaaka molao wa tiriso ya ditlhobolo le marumo a tsone, a supa fa mo nakong ya gompieno motho a ka seka a kgona go itirela dibetsa jaaka ditlhobolo kana go fetola sepe mo go tsone.

Rre Keorapetse o ne a tsibosa morafe gore fa go na le mongwe yo o eletsang go fetola sengwe mo tlhobolong kana go e baakanya o tshwanetse go bona ba ba maleba pele ga a dira jalo.

O ne a supa fa mo nakong e e fetileng ngwana fa a ne a na le dingwaga tse di lesome le borataro o ne a tsewa jaaka motho yo o nang le boikarabelo mo go tsa tlhakanelo dikobo.

A re seo se fetogile ka molao o o amogetsweng ke palamente bosheng o supa gore mo nakong ya gompieno ngwana o neelwa boikarabelo jwa go tlhakanela dikobo a le dingwaga di le lesome le boferabobedi.

Kwa bofelong bangwe ba batsena phuthego ba ne ba kopa mopalamente go bereka mmogo le Mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofo Molefhi gore ba bue ka lentswe le le lengwe gore ditlhabololo di kgone go goroga mo Selebi Phikwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 04 Jun 2018