Makgaba o nyoretswe ditlhabololo
03 Jun 2018
Banni ba motse wa Makgaba o o tlhomamisitsweng go nna motse bosheng ba nyoretswe ditlhabololo di tshwana le kokelwana, sekole, metsi, leobo la kgotla le maemelo a dibese.
Ba supile jaana kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente Sethomo Letisitswe bosheng.
Fa a rolela mopalamente matshwenyego a, mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Mme Senkakiseng Keapoletswe a re ba tlhoka kokelwana ka bofefo.
Mme Keapoletswe a re balwetse ba a sokola ka gore ba latela tsa botsogo kwa Mokubilo, a tlhalosa gore seemo se se a ba ketefalela ka bontsi ba sena madi a go duela dipalamo.
Mme Keapoletswe a re ba batla sekole ka bonako ka gore motse wa bone o na le bana ba ba lekaneng gore go ka tlhongwa sekole, a tlhalosa gore gompieno bana ba nna kwa matlong a boroko kwa
Mokubilo, a supa gore ga ba tlhokomelwe sentle.
Kgosi Rebagago Kesekile o ne a re o solofela gore mopalamente o tlaa tla ka tharabololo ya matshwenyego a morafe.
Kgosi Kesekile a re banni ba na le matshwenyego ka tsamaiso ya Makgaba ka jaana ba batla go bona o tswelela o nna motse.
Mongwe wa banni ba motse oo, Rre Gabatshwane Rebagago o ne a botsa gore moalo wa motse wa bone o ya go wela leng.
Rre Rebagago o ne gape a re ga ba na kitso ka ditlou, ka jalo a re ba tlhoka go tsibosiwa ka tsone.
Mogolwane wa khansele, Rre Ketumile Motlhagodi a re kwa matlong a boroko a RADs go na le batlhokomedi ba ba tlhapisang le go tlhatswetsa bana.
Rre Motlhagodi a re bana ba Makgaba ba masome a ferang bongwe le botlhano ba ba dirang mophato wa ntlha go tsena kwa go wa bosupa.
Rre Motlhagodi a re ba agile matlo a RADs ka 2017 a roba bobedi mme a re go agwa a le matlhano monongwaga.
O ne a tlhalosa gore matlo a ba a sekaseka pele ga a rolelwa beng ba one, a tlatsa ka go re rakonteraka o fiwa dikgwedi tse thataro go ka baakanya se se sa siamang.
Modulasitilo wa lekgotla la kabo ditsha wa Letlhakane, Rre Kelentse Mawala o ne a tlhalosetsa banni ba Makgaba gore ba dirile sethwantsho sa moalo wa Makgaba mme a tlhalosa gore ba tsisitse morero kwa go bone gore ba eletsa motse wa bone o golela kae.
Rre Mawala o ne a ba rotloetsa gore ba tswe ka maano a gore go ka dirwa jang ka gore motse o kgaogane thata, ka jalo o tlhoka go kgotlhagangwa.
O ne gape a supa gore ditshekatsheko di supile gore kwa bokoni jwa motse oo metsi a gaufi thata le lefatshe, a bolela fa borwa e le gone go siameng.
Rre Mawala a re kgang ya lefatshe e masisi, ka jalo ba batla gore banni ba sale ba thulanya ditlhogo ba bo ba dumelana ka gore ba batla tsamaiso ya beng ba motse.
Mopalamente Lelatisitswe o ne a lemotsha banni gore ba tshwanetse ba tsaya tshwetso gore ba batla motse wa bone o golela kae, mme a re ba reetse dikgakololo tsa bo maitsianape.
Rre Lelatisitswe a re moalo o botlhokwa ka o dira gore motse o rulaganngwe sentle, a tlatsa ka go re fa ba sa dumelane go ka tsala tiego ya peo ya ditsha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : MAKGABA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Jun 2018



