Breaking News

Kapari ya matlalo e jesa Serekelagotlhe

03 Jun 2018

Diphatlha tsa mebereko di boutsana, bogolo jang kwa metseng e e kgakala le ditlamelo.

Ka jalo banni ba metse eo ba felela ba tla ka maano a go itshetsa ba lebile se se leng teng mo tikologong ya bone.

Rre Molatlhiwa Serekelagotlhe wa Kaudwane fela fa molomomg wa lefelo la diphologolo la Khutse o ne a bona go le botoka go itshetsa ka go roka a dirisa matlalo a diphologolo le dihutshane.

Tiro e, o e simolotse ka 1997 morago ga go ithuta mo batsading ba gagwe, ba a tshotsweng a fitlhela ba ntse ba e dira.

O tlhalositse fa tiro ya gagwe ya letsatsi le letsatsi e le go suga matlalo a dihutshane jaaka dipodi le dinku ga mmogo le a diphologolo tsa naga le dibatana jaaka diphuduhudu le bophokoje go dira diaparo tsa matlalo di akaretsa dibaki, ditlhako ga mmogo le kapari ya mmino wa Setswana.

Rre Serekelagotlhe o ne a tswelela a tlhalosa fa a dira dibaga, maseka a bomme le mekgabisa ka dikgapetlana tsa mae a bontshe.

O kaile fa a dira gape le diditse, le didirisiwa tsa mmino wa borankana di tshwana le mekwatla le digai tse di neng di dirisiwa thata bogologolo ke Basarwa fa ba le mo letsomong.

A re matlalo a a a dirisang go roka dilwana ka one o a reka mo go ba lephata la tshomarelo diphologolo le makgabisa naga fa matlalo a dihutshane one a a reka mo baruing.

O ne a supa fa kgwebo ya diaparo tsa matlalo e le e e nametsang ka a kgona go bona madi a go itshetsa le ba lelwapa la gagwe a bo a ipolokele.

E re le ntswa kgwebo e nametsa, Rre Serekelagotlhe o tlhalositse fa dikgwetlho di tshwana le go tlhoka didirisiwa tse di rokang go mmaya ka fa mosing go ka nna le sebaka sa go dira dikopo tsa dipalo tse dintsi di tshwana le tsa maphata a puso.

O supile fa go roka ka seatla go le bonya, a re go reka didirisiwa tse a di dirisang di akaretsa matlalo a diphologolo go mo lopa madi a mantsi mme fa gongwe go dira kgwebo bonya.

Rre Serekelagotlhe a re o tsamaya mo metseng ka bontsi ya Kweneng go ipapatsa le go rekisa kapari le mekgabisa ya gagwe mme a supa fa bareki ba gagwe bontsi ba le kwa Molepolole.

A re ba lefelo la pabalelo ditso la Kgosi Sechele I ba mo thusa thata fa go tla mo go rekiseng le go reka didirisiwa tsa gagwe ga mmogo le go mo laletsa mo ditirong tse ba di rulaganyang, a re se se mo fa sebaka sa go ipapatsa mo go tseneletseng.

O ne a kaya fa meletlo ya setso e tshwana le wa Dithubaruba ga mmogo le dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona di le botlhokwa o go ene ka ke nako e a bonang bareki ka bontsi ba ditlhopha tsa mmino wa borankana.

Rre Serekelagotlhe o ne a gakolola Batswana go tsaya tiro nngwe le nngwe ya diatla ka tlhoafalo ka jaana seo se ka thusa go fetola matshelo a bone.

O bile a supa fa banana le bone ba tshwanetse go tsaya malebela ba inaakanye le go ithuta tiro ya diatla ka e ka ba ntsha mo lehumeng le mo ditirong tsa borukutlhi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Jacob Obotseng

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 03 Jun 2018