Batsadi ba rotloediwa go tsaya karolo mo baneng
03 Jun 2018
Kgosi George Thwane wa Artesia o rotloeditse batsadi ba motse wa gagwe go tsaya karolo mo thutong ya bana e le tsela nngwe ya go ba betlela isago e e molemo.
E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Thwane a tlhalosa fa thuto ya bana e tshwanetse go tsewa ka tlhoafalo ka gore bana ke bone bokamoso jwa lefatshe.
“Bokamoso jwa lefatshe la Botswana bo mo diatleng tsa bana, ke bone baeteledipele ba ka moso, ka jalo re le batsadi re tshwanetse go ikatumetsa bana ba rona le go ba rotloetsa,” ga bua Kgosi Thwane.
O tlhalositse fa Artesia a le gaufi le masimo le meraka mme seo se baka gore batsadi ba seka ba itse ka dithuto tsa bana ba bone ka ba le kwa merakeng gantsi.
A re go tlhoka go tsaya karolo mo thutong ya bana ga batsadi go imetsa barutabana tiro ka jaanong bana ba sa kgone go ithuta sentle kwa malapeng.
Kgosi Thwane o ne a rotloetsa batsadi go ikgolaganya le barutabana ba bana ba bone ka go etela kwa dikolong go itse le go lekola tiro ya bana.
“Fa o le motsadi o tshwanetse go itse ka fa ngwana wa gago a dirang ka teng kwa sekoleng mme se se ka kgonagala ka go ipha nako go kopana le barutabana kwa sekoleng,” ga tlhalosa Kgosi.
O rotloeditse batsadi gore ba tshwaraganele bana le barutabana ka go tsisa pharologanyo e ntsi mot hutong ya bana le maduo a bone.
“Tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng, ke rotloetsa batsadi go nna sekao mo baneng ba bone gore ba bone tse dintle mo go bone,” ga bua Kgosi Thwane.
Kgosi Thwane o ne a rotloetsa bana gore le bone ba ithute thata kwa dikoleng gore ba ipetlele bokamoso jo bo lolameng.
A re bana ba tshwanetse go ikgapha mo boitshwarong jo bo sa lolamang ba seka ba kgatlhwa ke dilo tse di ka dirang gore ba tswe mo tseleng.
A re moremogolo go betlwa wa taola, wa motho o a ipetla, ka jalo a rotloetsa bana go nna le boitshwaro jo bo lolameng jo bo eletsegang mo setshabeng.
Kgosi Thwane o ne a gwetlha makalana a puso le a a ikemetseng go leka go rotloetsa bana go tsaya thuto ka tlhoafalo ka e le tsone di ka ba thusang mo isagong.
A re fa go ka nna le thuto-puisanyo le go tshwara ditshupo tsa thuto mo Artesia gongwe bana ba ka nna le kgatlhego ya go tsaya thuto ka tlhoafalo ka jaanong ba ka lemoga boleng jwa yone.
“Fa batsadi ba ka tshwaraganela bana le barutabana maduo a mantle a ka bonala ka go tlaa nna le yo o tlhokometseng bana kwa sekoleng le mo lwapeng,” ga bua Kgosi Thwane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebo Rakanyane
Location : ARTESIA
Event : Potsolotso
Date : 03 Jun 2018



