Breaking News

Mananeo a direlwa go tlhama ditiro

03 Jun 2018

Mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo  Lelatisitswe a re mananeo a puso a diretswe  gore Batswana ba kgone go tlhama ditiro le go tlhabolola matshelo a bone.

Mopalamente o buile jalo fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Mokubilo bosheng,  a tlhalosa gore lenaneo la Ipelegeng ke tiro ya nakwana, ka jalo ba dirise mananeo a mangwe go dira  dikgwebo.

Rre Lelatisitswe o rotloeditse banni gore ba ikwadisetse ditlhopho, a tlhalosa gore ikwadiso e tlaa dirwa Lwetse a tlhola gangwe  go tsena  ka Ngwanatsele  a le masome mararo le bongwe.

A re ba dirise sebaka se ka jaana go sena ikwadiso ya  tlaleletso.

A re ba boloditse letsholo gore batho ba rotloediwe go ntshafatsa boOmang ka gore bontsi jwa bone bo fela monongwaga.

Fa a amogela mopalamente, Kgosi Botshabelo Dijeng wa Mokubilo o tlhalositse fa ba sa robadiwe ke ditlou tse di ba senyetsang  mo masimo.

Kgosi Dijeng a re ditlou tse di isa maduo a temo tlase.

Kgosi Dijeng  on e gape a lela ka dikoloi tse di fetang ka lebelo le le kwa godimo mo motseng, a re ba sale ba kopile  gore e tsenngwe difokotsa lebelo.

Kgosi o ne gape a kgalemela mapolotiki a re ba ipapatse sentle e bile ba seka ba tsisa sepolotiki mo kgotleng.

A re fa ba ka tswelela ba dira jalo o tlaa ba tseela dikgato.

Modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) Rre   Gaorapelwe o ne a  lebogela mananeo a Ipelegeng  a re a tsweletse sentle a bo a kopa gore ba okelediwe dipalo tsa babereki   ba Ipelegeng.

O supile matshwenyego a tiego ya dituelo tsa Ipelegeng a re ba duelwe nako e le nngwe le bagodi

Rre Gaborapelwe  a re ba sale ba solofediwa katoloso ya kokelwana, a tlhalosa gore kwa sekoleng ga go na motshine o o romelang melaetsa, o o ntsifatsang dipampiri  le mogala.

Modulasitilo wa Karekatee Fencing Cluster, Mme Boitshwarelo Masole a re ba ne ba solofetse gore ba tlaa lema temo e e nang le dipoelo ka ba na le terata e e nonofileng, a tlholosa gore ditlou di phutlhamisitse maikaelelo a bone ka go kgaola terata.

Mme Masole a re phimolo keledi ya tshenyo ya ditlou e ba baya ka fa mosing ka jaana seelo sa yone se le kwa tlase thata fa a lebile dithwatlhwa tsa terata.

O ne gape a re ba sale  ba solofeditswe gore kokelwana ya bone e tlaa bereka bosigo le motshegare nako kgolo ke eno.

Mme Bakhwi Bakwali a re ba tshela ka temo jaanong ditlou di phutlhamisa maiteko a bone, a tlatsa ka go re gape ba lephata la diphologolo ba tsaya sebaka go ba phimola keledi.

Mme Bakwali  a re mapodisi a Mokubilo ga ba a sireletsega  ka gore ga ba na matlo ba hirisitse mo motseng.

A re seemo se se dira gore bangwe ba tshabe go bula fa batho ba tla go bega bosigo.

Mme Boitumelo  Banona ene o tlhalositse fa  mapodisi  ba sena  madirelo, diofisi a re  ntlwana e ba direla mo go yone ga e na motlakase, ntlo e e tshegeletsang babelaelwa ga e na lebati.

Mme Banona o ne gape a botsa mopalmente gore kokelo ya Letlhakane e simolola go agwa leng, a  tlhalosa gore se se teng gompieno ke bohutsana fela.

Mopalamente  o ne a  ba solofetsa gore matshwenyego a bone a a sa arajwang o tlaa a isa kwa go ba ba lebaneng, a tlhalosa gore go santse go dirwa mealo ya kago ya kokelo.

Rre Lelatisitswe a re kgang ya dithendara  go rotloediwa  gore di dire ke beng  ba motse fa ele tse dibafitile ke gone go ka tswelwang ko ntle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : MOKUBILO

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 03 Jun 2018