Tshwarang ka thata - Mokwena
03 Jun 2018
Mothusa mmatoropo wa Lobatse, Rre Francis Mokwena a re boikarabelo jwa go ruta bana bo na le maduo.
Rre Mokwena o buile jalo kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la barutabana kwa Lobatse Seetebosigo a tlhola gangwe.
O tlhalositse fa barutabana ba lebanwe ke dikgwetlho jaaka go aga tshaba ya lefatshe le isago ya bana le fa bone bana ba inaakantse le tiriso botlhaswa ya dino le ditagi.
A re ba amogela dipego tse dintsi tse di supang gore baithuti ba tshosetsa barutabana matshelo, mme barutabana bone ba leka go lwantsha lehuma le letlhoko la ditiro ka go ba fa dithuto.
Rre Mokwena a re maikaelelo a barutabana ke go nna sekao mo lefatsheng, ka mongwe le mongwe a tswa mo diatleng tsa bone.
E rile a tswa la gagwe, go tswa kwa lekgotleng la barutabana (BOSETU) mokwaledi kwa dithuto tse di kwa tlase Rre Othusitse Dibotlhale, a re barutabana ke megaka ya khumo ya lefatshe, e bile ba tshwanetse go ipelela letsatsi la bone.
Rre Dibotlhale a re thuto ya lefatshe leno e kgonwa ke barutabana, le ntswa ba aparetswe ke dikgwetlho di le dintsi.
O tlhalositse fa barutabana ba kotlometse maikutlo ke diemo tse ba iphitlhelang ba le mo go tsone di tshwana le go tlhoka go tlhatlosiwa maemo, le go tlhoka go tsewa ka tekatekanyo, letlhoko la boroko le matlo a borutelo a a mo diemong tse di sa siamang, go tlhorontshiwa ke baithuti ka dipuo le go ba itaya.
Le fa go ntse jalo, Rre Dibotlhale o ne a ba kgothatsa gore le fa ba na le dikgwetlho di le kalo, ba seka ba ipona tsapa, a tlatsa ka go re kwelo tlase ya maduo e a tshwenya.
A re le fa go ntse jalo, puso e lemogile gore ga go na sepe se se ka tswelelang ntle le barutabana.
Ka jalo o ne a kopa barutabana gore fa ba batla ditshwanelo tsa bone mo pusong, ba nne le boitshwaro jo bo amogelesegang, mme e bile ba itse gore lekgotla la bone le ba eme nokeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Letsatsi la barutabana
Date : 03 Jun 2018



