Kgang ya bogosi jwa Makwate e tlhoka tharabololo
03 Jun 2018
Banni ba Makwate ba re ba tshwenngwa ke tiego ya go rarabolola kgang ya bogosi jwa motse wa bone.
Mokhanselara Baemedi Kudumane a re Makwate o digela dingwaga tse pedi o sena kgosi.
O buile jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, yo gape e leng mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso bosheng.
Rre Kudumane a re go diega ga kgang eo, go diga seriti sa motse ka go tsere lobaka morafe o sena moeteledipele.
“Re eletsa gore kgang e buiwe e wele, e seng go letela ruri motse o sena moeteledipele.”
Se se tla morago ga go tlogela tiro ga ga Kgosi Lefatlho Lesenyamotse ka bogodi.
Le fa gone maiteko a ntse a dirwa ke ba bogosi jwa ga MmaNgwato go rarabolola kgang e, go ntse go tsogile kgaruuru kwa Makwate, morafe o farologana ka maikutlo mabapi le leina la motho yo o ka tlhongwang mo setilong seo.
E rile a tsibogela kgang e, Mme Tshireletso a supa gore leina le kile la romelwa kwa diofising tsa lephata la gagwe mme ga nna le ngongora bangwe ba sa dumalane le lone.
O supile gore morago ga seo, tona wa nako eo, Rre Slumber Tsogwane, o ne a romela lekoko go ya go tlhotlhomisa kgang.
“Nka le tlhomamisetsa gore mo nakong eno, kgang e wetse, mokwalo o dule kwa lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, o ile kwa Serowe.
Ke dumela gore ba bogosi jwa ga MmaNgwato ba tlaa le neela phetolo.”
Mo go tse dingwe, Mme Tshireletso o ne a amogela Kgosi Golathamang Ramontsho yo o sa tswang go simolola tiro ya gagwe go etelela morafe wa motse wa Mokoswane pele. Mme Tshireletso o solofeditse
Kgosi Ramontsho tirisanyo mmogo mo tirong ya go goga morafe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : MAKWATE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Jun 2018






