Tshekiso o inaakantse le bodiragatsi
03 Jun 2018
Mme Botho Tshekiso o ne a inaakanya le setlhopha sa bodiragatsi sa Madiba e le tsela ya go batla go tsaya loeto lwa sekole.
Seo se feletse se dira gore a nne le lorato le legolo thata mo go tsa bodiragatsi.
Monana yo o gagabelang dingwaga tse di masome a mararo, a re lorato lwa gagwe mo bodiragatsing lo mo gwetlhile go tsaya talente ya gagwe ka tlhoafalo, a bolela fa go sena sepe se se ka lekanang le kagiso e a nnang le yone fa a tlhagisa molaetsa go babogedi a le mo seraleng sa bodiragatsi.
A re mo loetong lwa gagwe lwa go diragatsa, o simolotse a inaakanya le setlhopha se se bidiwang Word of Power ka 2009 mme setlhopha se, se ne se diragatsa mo metseng mme sa felela se tsenelela dikgaisanyo tsa malatsi a gaTautona.
‘Ke ne ka kopana le Rre Ambrose Baipidi ka 2011 yo e leng gore botlhatlheledi jwa gagwe bo feletse bo dira gore ke tlhagelele mo ditshwantshong tsa motshikhinyego.’
Monana yo wa Shoshong o tlhalositse fa a tlhageletse lantlha mo setshwantshong sa motshikhinyego ka 2016 a dira ipapatso ya lekgotla le le tsamaisang ditlhopho.
A re e rile morago ga seo a lemoga fa a tshwanetse go ititaya ka thupa mme a feletsa e le mongwe wa batsaya karolo mo setshwantshong sa motshikhinyego se se neng se bidiwa Bonweenwee ka 2017.
Mo nakong ya gompieno o tlhagelela mo setshwantshong se se bidiwang Pillars mo telebisheneng ya Botswana ya banana.
O boletse fa go diragatsa go mo tseela nako e ntsi ka jaana dinako tse dingwe le jwa dintshi a sa bo bone.
‘Nako nngwe le nngwe fa ke ipona mo setshwantshong sa motshikhinyego ke a kgothala, ke monyetla o o senang tlhwatlhwa mo botshelong jwa me.’
Mme Tshekiso o ithutetse go tsamaisa kgwebo kwa Botswana Accountancy College mme ka nako eno o mo lenaneong la go ithuta a tshwere ka diatla kwa ofising ya ga Tautona.
A re dinako tse dingwe o na le go inyatsa, segolo bogolo fa a sa amogelwe mo go dingwe tsa ditiro tse a itekang lesego mo go tsone.
O boletse fa a ikgomotsa ka go re ga a kake a amogelwa gongwe le gongwe, ka jalo a tswelele le go iteka lesego.
Monana yo o gakolotse banana ba ba batlang go ipona ba diragatsa gore ba nne le lorato gonne ba tlhoka bopelotelele go kgona ditoro tsa bone.
A re go tsaya nako gore dilo tse dintle di diragale mo bodiragatsing jwa Botswana.
O lebogile goromente go bo a abela badiragatsi madi ka se se ka thusa go kabakanya itsholelo le go tlhamela banana ditiro.
O kopile dikompone tse di ikemetseng go thusa badiragatsi le go leboga batsaya karolo go bo ba sa ipone tsapa go lwela seemo se se botoka sa bodiragatsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sylviah Disele
Location : METSIMOTLHABE
Event : Potsolotso
Date : 03 Jun 2018



