Breaking News

Majalwa a mo malwapeng a diphatsa

03 Jun 2018

Motshwarelela mothusa kgosi wa kgotla ya Woodhall kwa Lobatse, Kgosi Maleshwane Bakwena o ntshitse matshwenyego mabapi le dipalo tse dintsi tsa batho ba ba tlang go kopa teseletso kwa go ene ya go apaya le go rekisa majalwa a Setswana.

O buile jaana mo potsolotsong  bosheng a re se se tshwenyang segolo bogolo ke gore majalwa ao go lebega a tsenngwa metswako e e ka koafatsang mmele wa motho.

A re o utlwaletse gore majalwa ao a tsenngwa dilo di tshwana le metsi a malatlha le tse dingwe tse di sa siamang e le tsela nngwe ya go leka go a dira bogale.

A re ntlha e nngwe e e tshwenyang ke gore fa batho ba sena go itshiela one majalwa ao ba simolola dintwa le go sa buisana sentle mme seo se feletse se dira gore batswasetlhabelo ba ikuele kwa kgotleng.

A re le fa go ntse jalo e ne ya re ka Tlhakole a bitsa phuthego ya kgotla go tla go gakolola batho ka bodiphatsa jwa majalwa a ba a rekisang le go ba rotloetsa go tsena mo dikgwebong tse dingwe di tshwana le go rekisa borotho, dijo le diaparo.

Kgosi Bakwena a re kgotla ya gagwe e e okametseng mafelo a tshwana le Pitikwe, Delta, Newlook, Maipei, Boswelatlou le Shosholoza e tshwenngwa ke dikgang tsa dikoloto.

A re go le gantsi go tla beng ba matlo ba kolotwa ke bahirisi.

A re mo dikgannyeng tseo, o itemogetse fa Batswana ba hirisetsa batho matlo ba sa dira mekwalo epe mme e re fa go nna le bothata go nne dingalo go bo rarabolola.

Mo go tse dingwe, kgosi Bakwena a re go na le dipalo tse dintsi tsa batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana.

A re selo se, se a tshwenya ka gore fa bobedi joo bo tla go kgaogana go nna le dikgogakgogano ka dilwana tsa ntlo.

 A re o itemogetse gore wa mme go le gantsi o tswa a iphotlhere ka o tlaabo a sa bereke.

A re le fa go ntse jalo wa mme fa a tsile go ikuela jalo kwa kgotleng, ba bitsa bobedi joo mme ba leke go ba letlanya gore ba kgaogane go sena dikgogakgogano.

Kgosi Bakwena o rotloeditse bomme go itirela ka diatla gore ba seka ba nna kwa tlase ga kgatelelo ya borre ka a re fa motho a itirela o nna le thata ya go itseela ditshwetso ka botshelo jwa gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Terry Makgoeng

Location : LOBATSE

Event : Potsolotso

Date : 03 Jun 2018