Breaking News

Go tlhongwa kgotlana kwa Setekenehili

31 May 2018

E ne ya re bosheng banni ba kgotlana ya Marapalalo-Setekenehili kwa Molepolole ba supa lefelo le ba batlang go tlhoma kgotlana ya bone mo go lone ba bo ba baya monwana Rre Sabata Rantlhoi go nna kgosana wa bone wa ntlha jaaka ba ne ba ipaakanyetsa go simolodisa kgotlana eo semmuso.

Ditlhopho tseo tsa bogosana di ne di tseneletswe ke bontlhopheng ba le lesome le motso mme Rre Rantlhoi o ne a fenya ka palo ya batho ba le masome a mane le bosupa a latelelwa ke Rre Melton Motswakhumo le Rre Thatayaone Goaitsiwe ka palo ya batho ba le lesome le bone mongwe le mongwe.

E ne ya re fa a akgela mo phuthegong eo, Mokhanselara Michael Bagopi a supa boitumelo a bo a leboga morafe go bo o tsile ka makatla namane go tsibogela pitso e e neng e sa rulaganngwa ka nako.

A re seo se supa tlhoafalo ya banni bao gore e le ruri ba batla kgosi le go tlhoma kgotlana semmuso.

Le fa go ntse jalo, Rre Bagopi o ne a kopa morafe go ba inela diatla metsing, a supa fa go ne go se na gore ba ka tlosolosa pitso eo ya go tlhopha kgosi ka ba ne ba romilwe ka lepotlapotla ke kgosikgolo wa Bakwena Kgosi Kgari Sechele III.

A re ba ne ba laetswe go isa leina la kgosi yo o tlhophilweng mo nakong e khutshwane e seng jalo ba ne ba ka nna ba lathegelwa ke sebaka sa go nna le kgosana mme se fetisediwa kwa go ba bangwe.

O ne a akgola Rre Sabata go bo banni ba mo ratile mme a re seo se supa fa morafe o na le tshepho mo go ene ya gore o ka ba etelela pele ka matsetseleko.

Rre Bagopi o tlhalositse fa Rre Sabata a tlaa ya go rolelwa Kgosi Kgari Sechele III go lekolwa gore a ga a ise a tsamae a dire molato ope mme a fiwe melawana yotlhe ya tsamaiso ya bogosi.

E ne ya re a akgola mofenyi, Kgosi Atamelang Difela wa kgotlana ya Maribana a tlhalosa fa kgosi yo o sa tswang go tlhophiwa a tsile go laiwa le go tlhomamisiwa fa pele ga morafe ke kgosikgolo.

O ne a gakolola Rre Rantlhoi go rata morafe ka tekatekanyo ka jaana go soka dirope go sa siamela moeteledipele.

E rile a ntsha la gagwe, Rre Rantlhoi o ne a leboga banni go mo tlhopha, a re o lemogile gore ba a mo tshepha mme a ba solofetsa go ba tsaya ka tekatekanyo go diragatsa dithomo tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goitseone Tlhware

Location : MOLEPOLOLE

Event : Ditlhopho

Date : 31 May 2018