Mapodisi a kopa tshwaragano le setshaba
31 May 2018
Mookamela kgaolo ya sepodisi ya District No 15, Senior Superintendent Kabo Badirwang o kopile magosi a metse e e mo kgaolong ya gagwe go thusana le mapodisi go lwantsha borukutlhi.
Senior Superintent Badirwang o ntshitse boikuelo joo mo phuthegong le magosi ao kwa Tutume bosheng.
A re seemo sa borukutlhi ga se jese sepodisi di welang.
O boletse fa dikgang tse ba kopanang natso letsatsi le letsatsi tsa dipolao tsa batho di ngomola pelo thata mo kgaolong e a e okametseng ya dikgaolo tsa sepodisi tse thataro tse di akaretsang Nata, Sowa, Masunga, Tshesebe, bontlha bongwe jwa Francistown jo bo akaretsang metse e e mo kgaolong ya botlhopi ya Shashe Bophirima le Tutume.
Senior Superintendent Badirwang a re dikgang tsa polao di ile magoletsa mo kgaolong mo go setseng go tlhokafetse batho ba le batlhano mo dibekeng tse tharo.
A re se se ngomolang pelo go feta ke gore babelaelwa mo ditiragalong tseo ke batswakwa ba ba senang diteseletso tsa go nna mono ba e reng ba sena go dira bosula joo ba tsene ka lenga la seloko.
A re se se tshwenyang ke gore bahiri ba batho bao ke baeteledipele ba batho ba ba kabong ba thusana le mapodisi go kganela phiro le go fa batho bao boroko.
O ne gape a tlhalosa fa ba setse ba kwadisitse dintsho di le lesome le borobabobedi go simolola ka Hirikgong go fitlha mo nakong ya gompieno mo go tsone ba supa ba bolailwe ke batswakwa.
Senior Supt Badirwang a re go hira batswakwa ba ba senang dipampiri ke molato o motona.
O ne a gatelela ka go re dikgang tseo tsotlhe di ka fedisiwa fa ba ka tshwaragana ba di lwantsha ka ponyo ya leitlho a bo a kopa magosi ao go ema ka dinao go kgalema.
Fa ba akgela,magosi a ne a dumalana le mapodisi fa seemo seo se setse se dule mo taolong e bile ba bolela fa tsholofelo ya batswakwa bao ba ba tsenang ka go sutlha molelwane e golela pele letsatsi le letsatsi,ba supa fa batho bao e le bone ba oketsang borukutlhi mo metseng.
Ba supile fa ba le ’bete se molangwana ka ditshwetso tsa makgotla a ditsheko, go golola batho ba ba tshwerweng ka molato wa polao, ba re batho bao ba boa ba dira molato oo ba ntse ba emetse tsheko,ba re ke eng segolo ba sa letele tsheko kwa kgolegelong.
Kgosi wa kgotla ya Madikwe kwa Tutume, Kgosi Royal Nkomeni a re seemo sa batswakwa le ditiro tsa bone tse di setlhogo le bone e le dikgosi ga se ba robatse, a supa fa ba palelwa ka bahiri ba batho bao e le batho ba ba tlhaloganyang molao e bile e le baeteledipele ba batho.
Kgosi Nkomeni o ne a kopa puso go tsibogela le go lebelela kgang ya go letela tsheko kwa ntle ga babelaelwa ba dikgang tsa polao, a re batho bao ba borai mo setshabeng, ka jalo ba tshwanetse go ntshiwa fa gare ga batho.
Senior Supt. Badirwang o tlhalositse fa batho ba na le go supa mapodisi ka monwana ba re ba tlogela babelaelwa.
A re e le mapodisi ba na le fa ba emang teng, mme ditshwetso tse dingwe di tsewe ke makgotla a ditsheko.
A re le fa go ntse jalo, puso e eme ka dinao ka jalo melao mengwe e baakantswe.
Maikaelelo a bokopano joo e ne e le go sedimosetsa magosi ka seru se se wetseng kgaolo le go tla ka ditharabololo tsa mathata ao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Phuthego
Date : 31 May 2018



