Breaking News

Morafe wa Lecheng o lela ka borukutlhi

31 May 2018

Banni ba Lecheng ba re ga ba jesiwe diwelang ke borukutlhi jo bo diriwang ke bana ba bone.

Ba ikuetse jalo mo go mothusa ramapodisi wa Palapye yo o itebagantseng le tsa borukutlhi, Assistant Superintendent Molly Lebala mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mapodisi le morafe kwa Lecheng bosheng.

Ba re matshwenyego a bone a matona ke borukutlhi jwa dipolaano tsa baratani, go thubetsa masea le bagolo, go amoga batho dithoto le go thuba matlo go tsewa dithoto le bogodu jwa leruo.

Banni ba ne ba ikuela mo mapodising gore ba ba thuse seemo seo, ka gore ba setse ba nna ka letshogo, e bile magodu a ba busetsa kwa morago fa ba leka go bereka gore ba seka ba wela mo lehumeng.

Mme Lebala o tlhalositse fa go supega fa dikgang tsa borukutlhi di tshwenya, bogolo thata go thujwa ga matlo go bo go utswiwa.

O ne ba tlhagisa gore go reka dithoto tsa bogodu ke molato.

A re batho ba itse gore dilwana di rekwa mo madirelong, e seng mo bathong ba ba tsamayang mo mebileng.

Mme Lebala o ne a bolela gore melato ya go itseela dikobo ka dikgoka mo baneng le bagolo, go tlhodia ka diletso mo motseng le go goga kana go nwa diritibatsi e metona.

A re borukutlhi jo bongwe ke jwa go kgweetsa motho a sena setlankana.
Mme Lebala o kopile setshaba go thusa mapodisi go lwantsha borukutlhi, a bolela fa se, se ka ba solegela molemo.

O tlhalositse fa mo dikgannye tse dingwe, mapodisi a kgona go atswa ba ba lomang tsebe.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Lecheng/Malaka, Rre Charles Mabjweng o ne a kopa mapodisi gore ba seka ba rothisa mmutla madi fa ba lomilwe tsebe.

O ne a kopa gore diofisi tse di agilweng mo kgotleng ya bone di tsenngwe mo tirisong ka gore ga di bolo go fela.

Rre Mabjweng a re tiego e ka nna ya dira gore go tle go lemogwe diphoso tsa moagi morago ga nako e a e fiwang go ka baakanya diphoso le setse le fetile. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 31 May 2018