Komiti ya VDC e tlhoka boineelo
31 May 2018
Go ngosela ga maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse mo ditirong tsa morafe jaaka diphuthego tsa kgotla go tshwentse mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso.
Mme Tshireletso, yo e leng mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, o ntshitse matshwenyego ao fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Kudumatse le Makwate bosheng.
Mme Tshireletso a re VDC e filwe boikarabelo jwa go etelela lenaneo la ditlhabololo pele le go okamela dikomiti tse dingwe tsa boithaopo mo motseng, ka jalo ba tlhoka go bereka ka natla go lwantsha dikgwetlho tsa morafe.
A re jaaka e le bone leitlho la morafe mo ditlhabololong tsa motse, komiti ya VDC e tshwanetse ya ithaopelwa ke motho a ititeile sehuba, e seng jalo maikaelelo a go tlhabolola metse ya magae a tlaa folotsa.
O supa gore go tlhoka go tshwaragana ga komiti ya VDC go kgoreletsa maiteko a a dirwang ke dikomiti tse dingwe tsa boithaopo mo motseng.
A re go tsena diphuthego tsa kgotla ba tlhotsa, bangwe ba seyo ka mabaka a a sa nonofang ke go supa gore ba boitseme mo go direng tiro e ba e romilweng ke morafe.
Mme Tshireletso o kopile gore ope yo o eletsang go tsena mo komiting ya ditlhabololo tsa motse a itlame go direla setshaba a sa kgaramediwe le gone go kgothatsa morafe go tsenya leitlho ba ba batlang go tlhophiwa gore ba kgone go roma batho ba ba nang le boikarabelo.
O tlhalositse gore dikomiti di bopaganya motse e bile di thusa go lomaganya mananeo a ditlhabololo.
Le fa go ntse jalo, Mopalamente Tshireletso a akgotse komiti ya ditlhabololo ya motse wa Setsile gore ba dira ka natla e bile ba tshwaragane le boeteledipele jwa motse le morafe.
Mo phuthegong e nngwe bosheng, mopalamente wa kgaolo ya Shoshong yo gape e leng mothusa tona mo lephateng la go neela banana dithata, metshameko le tlhabololo ya ngwao,
Rre Dikgang Makgalemele le ene o supile fa a sa itumedisiwe ke go tlhoka go dira ka natla ga maloko a komiti tsa VDC.
O buile jalo mo a le kwa Tobela morago ga gore Kgosi Kgotlayame Mphoyakgosi a ngongorega ka go tlhoka go tshwaragana ga maloko a komiti ya ditlhabololo.
Rre Makgalemele o kopile bagolwane ba khansele ya Mahalapye go thusa go rarabolola bothata jwa komiti ya VDC kwa Tobela.
O tsweletse a supa gore o tlaa ipha nako a nna moriti le dikomiti tsotlhe tsa VDC mo kgaolong ya gagwe go buisana ka dikgwetlho tse di ba tshwenyang ka gore le ene o dumela di sa dire tiro ka natla.
Kwa Bonwapitse, banni bangwe ba ne ba ngongorega ka gore maloko a komiti ya VDC ba iphiretse ruri mo ditirong tsa Ipelegeng ba sa refosane le ope jaaka e le tsamaiso.
E rile a tsibogela kgang e, mogolwane wa lenaneo la Ipelegeng mo kgaolong- potlana ya Mahalapye, Rre Eric Sephetsolo a supa gore maloko ba tshwanetse ba sala tsamaiso e e dirisiwang go hira bodiredi jwa Ipelegeng e seng go neela ruri mo tirong.
Rre Sephetsolo o supile gore o tlaa emela kgang eo ka dinao go netefatsa gore tsamaiso e salwa morago. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 31 May 2018



