Tsela e tlaa dirwa - Autlwetse
31 May 2018
Mopalamente wa Serowe Bokone, ebile e le mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Kgotla Autlwetse o tlhaloseditse banni ba Moreomabele le Serule gore tsela e e tshwaraganyang Serule, Moreomabele, Topisi, Tshimoyapula le Mabeleapudi e gaufi le go simologa, ka e setse e neetswe kontaraka e e supileng fa e setse e le mo thulaganyong ya go sekaseka fa e ka agang kampa teng.
Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo bosheng, Rre Autlwetse o ne a supa fa konteraka ya Unik Construction e le yone e e abetsweng tiro ya go dira tsela mme ba supile fa ba tlaa thapa badiri ba feta lekgolo.
Rre Autlwetse o ne a supa fa a ne a kopana le rakonteraka go mo kopa gore a leke ka gotlhe gore batho ba metse e e amegang ba nne bangwe ba ba thapiwang mo tirong gore le bone ba kgone go oba letsogo.
Rre Autlwetse o ne gape a supa fa a ne a kopa ba konteraka gore fa go na le ditiro tse ba batlang di dirwa ke dikompone tse dingwe ba sekaseke dikompone tsa metse e e amegang.
Le fa go ntse jalo, Rre Autlwetse o ne a kopa ba ba tlaa nnang lesego go bona tiro gore ba dire ka thata gore tiro e se ka ya ba tswa diatleng ka lebaka la go nwa bojalwa phetelela.
Rre Autlwetse o ne a supa fa kago ya tsela e tlaa nna le ditlamorago tse bangwe ba ka sekang ba di itumelela jaaka go tsaya lefelo la mafudiso a leruo.
O ne gape a supa fa bangwe ba dikgwebo tse dipotlana le bone ba tlaa bona se ba se isang kwa maleng ka go hirisa matlo ka nako e tsela e tlaabong e dirwa.
Rre Autlwetse o ne a supa fa letlhoko la ditiro mo bananeng le amile lefatshe la Botswana ka bophara, mme a kopa banana go inaakanya le mhama wa temo-thuo ka e le one o o supang o na le mmaraka e bile o le bogadi bo gaufi.
Le fa go ntse jalo, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Serule, Rre Lefetsakgang Mokhondo o ne a lebogela kago ya borogo jwa Motse Wa Thubega jo bo setseng bo fedile, matlo a batlhoki a le matlhano le one a fedile e bile ba solofetse ntlo e nngwe e e tlaa bong e agwa ke ba Choppies mo nakong e e seng kgakala.
Kgosi ya Moreomabele, Kgosi Kgololo Motshwaedi o ne a supa fa le bone ba lebogela loobo le le setseng le le mo tirisong le le agilweng ka madi a dikgaolo tsa botlhophi.
Kgosi Motshwaedi o ne a supa fa banni ba Moreomabele ba na le tsholofelo e ntsi ya gore motse wa bone o tlaa tswelela o bona ditlhabololo fa lenaneo la madi a dikgaolo tsa botlhophi le ka tswelela.
Mo go tse dingwe, Rre Aultwetse o ne a kopa banana ba Serule le Moreomabele go fokotsa tiriso ya nnotagi mme ba itebaganye le go tokafatsa matshelo a bone ka go batla maano a ba ka itshetsang ka one. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 31 May 2018



