Breaking News

Komiti ya Lephane e tlhoafetse

31 May 2018

Komiti ya ditlhabololo tsa motse ya kgotla ya Lephane mo Tonota e roletse banni pego ya ditlhabololo tse ba di kgonneng ngogola ga mmogo le tse di mo lenaneong la ditlogamano la 2018.

E rile a rola pego kwa phuthegong, mothusa mokwaledi wa komiti Mme Gabaikanngwe Motsumi a supa fa ngogola ba kgonne go agela motlhoki ntlo, go gokela metsi le motlakase mo diofising tsa komiti, go bula letlole la poso, le go baakanya ntlo e e neng e shele, ba bo ba penta le e nngwe.

O tlhalositse fa kopo ya gore sekole se sebotlana sa John Phoko se agelwe ntlo ya badisa dikago e atlegile, a tlatsa ka go re madi a a setseng mo letloleng morago ga ditlhabololo tsotlhe tse di dirilweng ke P7 436. 09.

A re mo ngwageng o, komiti e ya go aga setsha sa sekole sa bana ba babotlana, a supa fa ba emetse didirisiwa tsa kago go goroga ka ba setse ba di dueletse.

Ditiro tse dingwe tse di mo lenaneong la 2018 di akaretsa go shafatsa borulelo jwa ntlo, go agela motlhoki ntlwana, go rekela batlhoki melora ga mmogo le go tlhatswetsa le go feelela batlhoki ba ba sa kgoneng ka ntlha ya bogodi.

Kgosi Keeletse Tselawa o lebogetse ka fa komiti ya ditlhabololo ya Lephane e tlhoafaletseng tiro ka teng, selo se a reng se supa tshwaragano le maikarabelo.

O supile fa a tshwenngwa ke go nna maoto a tshupa ga banni mo go tseneleleng diphuthego ntswa komiti ya ditlhabololo e le yone palamente ya motse, a tsibosa fa dikopo tsa bone di ka seke di arajwe fa ba sa tseye diphuthego tsia ka dipalo tsa bone e le tsone di ba buelelang mo maphateng a puso a a farologanyeng.

Modiredi wa ofisi ya ditlhopho, Rre Lebonetse Maifala o tlhaloseditse banni fa go ya go nna le matlhophelo a masha kwa kerekeng ya Head Mountain go fokotsa mosuke kwa Masedi.

A re batho ba dingwaga tse 18 go ya kwa godimo ba ye go ikwadisetsa ditlhopho ka nako e e beilweng le gore ba rurifatse gore bo Omang ba bone ga ba na go felelwa ke nako ba ise ba kgone go ikwadisa ka molao o mosha o re ikwadiso e nna gangwefela.

O ne a supa fa ba itemogetse fa batho bangwe ba ise ba kgone go farologanya gore ikwadisetso ditlhopho e ga bedi, e leng ya karata ya boloko jwa phati le ya karata ya ditlhopho tsa setshaba, a kopa gore ba netefatse gore ba ikwadisetsa magato otlhe ka bobedi.

Mangwe a matshwenyego a banni ba a ntshitseng ke go sa tlhokomelweng ga mabitla, ba kaya fa bangwe ba a ralala ka go tlhaga terata e e ageletseng le go latlhela leswe la metseto le dikausu tse di dirisitsweng.

Ba ne ba kaya fa go sena tsamaiso e e maleba kwa diofising tse di lebaneng le go ntsha mananeo a puso a tshwana le a LIMID le nyeletso lehuma, ba supa fa ditirelo di le bonya e bile go sena boammaruri ka bangwe ba sale ba kanokilwe ka 2014 mme le jaana ba ise ba bone thuso.

Mokhanselara Lampy Ngake a re ke maikarabelo a morafe go tlhokomela le go phepafatsa mabitla, a tlatsa ka go re ba nne ba ba itsese mathata a bone go ba tswa thuso go na le go emela diphuthego.

O ne a supa fa koloi ya ofisi ya boipelego e senyegile jaanong ba bereka ka go adima dikoloi mo maphateng a mangwe, ka jalo seo se dia ditirelo.

Rre Ngake o netefaditse fa ba ofisi ya ga molaodi le bogogi jwa khansele ba tlaa kopana le diofisi tse di maleba go bona gore ba dira jang ka seemo se. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Priscilla Kgang

Location : TONOTA

Event : Phuthego

Date : 31 May 2018