Breaking News

Emang banana nokeng

31 May 2018

Batsadi ba Tobela le Bonwapitse le baeteledipele ba maphata a puso, ba kopilwe go ema banana nokeng gore ba kgone go fitlhelela maikaelelo a bone.

Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo bosheng, Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele a re Tautona Mokgweetsi Masisi o kopa batsadi le baeteledipele gore ba nonotshe seabe sa bone mo go ageng banana.

“Le nna ke le moeteledipele wa lona ke lo rotloetsa go dira jalo,” Rre Makgalemele a supa.

Rre Makgalemele, yo gape e leng mothusa tona wa lephata la banana a re goromente o ntshitse mananeo a a itebagantseng le banana gore ba kgone go tokafatsa matshelo a bone mme a rotloetsa banana go dirisa mananeo go simolodisa dikgwebo tse di ka ba hirang ka dipalo tse di kwa godimo.

A re ba ba nang le sebaka sa go tsweledisa dithuto tsa bone, ba dire jalo e seng go nna fela mo lwapeng.

“Batsadi le baeteledipele seabe sa lona ke go ba rotloetsa gore ba eme ka dinao ba itirele.

A re ba emeng nokeng, re ba kaele tsela tsa boamaruri,” Rre Makgalemele a kopa.

E rile a amogela mothusa tona kwa Bonwapitse, Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye a akgolela banana maiteko a go tlhabolola matshelo a bone.

“Ke ema jaana go leboga maiteko a banana, ke bona ba eme ka dinao ba ikemiseditse go dirisa mananeo a puso, ba lebega ba thantse dipelo,” Kgosi Segotsi a tlhalosa.

A re seabe sa batsadi ke go rapela le go kgothatsa banana go dirisa madi sentle le go tlhokomela dikgwebo gore di ntshe maduo.

Mopalamente Makgalemele o supile botlhokwa jwa go itebaganya le dikgang tsa banana ka mashetla, a re kgaolo ya Shoshong e filwe P2 million go simolodisa dikgwebo tsa banana.

Le fa go ntse jalo, a re madi ao ga a a lekana go thusa banana botlhe ba ba eletsang go simolodisa dikgwebo mme a ba rotloetsa go dira dikgwebo tse ba ka kgonang go di tsamaisa a bo a supa botlhokwa jwa go tsena mo dikgwebo tsa madirelo ka di ka kgona go hira banana ba bangwe ka dipalo tse di kwa godimo.

Go lemoga fa madi a a ntshiwang ke lephata la banana a sa lekana go thusa botlhe, Rre Makgalemele o rotloeditse banana go dirisa mananeo a mangwe a puso.

A re o dumela gore banana ba na le sebaka se sentsi se ba ka se dirisang go itlhabolola.

“Lebelelang mhama wa ngwao, mme lo dire dikgwebo tse di ka thusang go tsosolosa ngwao le go tlhama ditiro,” Rre Makgalemele a supa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : TOBELA

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 31 May 2018