Breaking News

Maunatlala o akola ditlhabololo

31 May 2018

Banni ba Maunatlala ba akola ditlhabololo tse di dirilweng mo motseng wa bone ka lenaneo la madi a dikgaolo tsa botlhophi a mo go one puso e neng e file kgaolo nngwe le nngwe sedikadike sa Pula.

Mo potsolosong le BOPA, mokhanselara wa Maunatlala, Mme Salome Lesole a re ba ne ba abetswe P620 000 mo mading a dikgaolo a ngogola go tlhabolola fa ba bonang go tlhokega teng.

A re mo mading ao, ba kgonne go tlhabolola matlo a komiti ya ditlhabololo tsa motse a le marataro ka go a dira LA2 le go aga mesele ya kgopho ya metsi mo gare ga motse.

Mme Lesole o tlhalositse fa Maunatlala a tshabelelwa ke dibetso tsa tlholego, bogolo jang ka nako ya dipula ntateng ya go tlhoka mesele ya kgopho ya metsi.

O tlhalositse gore mo ditirong tse ba neng ba di dira go santse go setse kago ya mesele ya kgopho ya metsi a pula fa tiro e wetse mo matlong otlhe ka borataro, mme go setse fela go gokela metsi le motlakase.

“Madi a re neng re a filwe a ngogola a fedile. Motlakase le metsi tsa matlo a marataro a a sa tswang go okediwa le go tlhabololwa di tlaa gokelwa ka madi a re tlaa a fiwang monongwaga,” Mme Lesole a tlhalosa.

O tlhalositse gore ba saletse morago mo kagong ya mosele wa kgopho ya metsi a pula mabapi le gore ba ne ba simolotse ba dirisa matlapa a a dirileng gore go nne bonya go aga ka a ne a tsewa kgakala mo thabeng e bile a tlholosa gore ga go agwe ka matlapa mangwe le mangwe.

A re tiego e e bakilwe gape ke go dirisa babereki ba Ipelegeng ba ba chaisang motshegare.

Mme Lesole a re ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ba tsere tshwetso ya go dirisa ditena tse ba di rekang mo dikgwebong tsa mo gae go aga mesele e e setseng go fefosa tiro.

Mokhanselara a re ba kgona ka popagano, morero le go nna le bogogi jo bo nang le tebelopele le boikarabelo.

“Ditiro tse di neng di dirwa ka madi a Constituency Fund di tsamaile sentle e bile madi a ba neng ba a abetswe ba a dirisitse sentle go reka tsotlhe tse ba neng ba di lopile,” Mme Lesole o buile jalo.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa VDC, Rre Gobusamang Kobe a re tiro ya kago ya mesele e simolotse ka Tlhakole e bile e solofetswe go wela ka Seetebosigo.

Rre Kobe a re o itumelela ka fa ditiro tsa tlhabololo ya motse di tsamayang sentle ka teng e bile ba tshwaragane go isa motse wa bone ko pele.

O lebogetse puso go bo e ile ya tsaya boikarabelo ja go tlhabolola magae ka lenaneo la madi a dikgaolo tsa botlhophi.

A re lenaneo le, le santse le tsile go dira go le go ntsi a tlhalosa fa le tlhametse banni ba Maunatlala mmereko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keoagile Diloro

Location : MAUNATLALA

Event : Potsolotso

Date : 31 May 2018