Breaking News

Setlhopha sa Tjilenje tje ngwao ke bafenyi

30 May 2018

Mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Tutume, Rre Kabelo Tshekiso a re bodiragatsi ke tiro ka bo ka kgona go tokafatsa itsholelo.

A re ke ka moo puso e rotloetsang le go ema nokeng badiragatsi go bona gore botswerere jwa bone bo ba solegela molemo.

Rre Tshekiso o buile jalo ka letsatsi la dikgaisanyo tsa ga Tautona tsa mmino wa Setswana tsa Hosanna kwa Tutume bosheng.

A re batho bangwe ke bahumi ba dinaane ka ntlha ya bodiragatsi, ka jalo a kgothatsa batho go ribolola botswerere jwa bone le go tsena mo dikgaisanyong tsa ga Tautona.

O ne a gwetlha ba ba saletseng morago go itshupa le go ithuta mo go ba bangwe ba ba setseng ba atlegile e bile itsholelo ya bone e le e e melediwang mathe ka ntlha ya bodiragatsi, a tlatsa ka go re Motswana o buile a re, ‘o le aramele le sa go tlhabetse’.

Rre Tshekiso o gakolotse gore mananeo ga se a sennela ruri, ka jalo ba tshwanetse go dirisa sebaka seno.

Setlhopha sa Hosanna sa Tjilenje tje Ngwao go tswa Francistown se ne sa gapa maemo a ntlha se salwa morago ke sa Dikgosi tsa Ngwao le sone se tswa kwa Francistown, fa maemo a boraro one a gapilwe ke sa Tlhako ya pele sa Ramokgwebana, mo ditlhopheng di robabobedi.

Maduo a a raya gore ditlhopha tsa Tjilenje tje Ngwao le Dikgosi tsa Ngwao ke tsone tse di fetelang kwa dikgaisanyong tsa makgaolakgang kwa Gaborone.

Rre Tshekiso a re go maswabi gore kgaolo-potlana ya Tutume e e nang le dikgaolo tsa botlhophi tse tharo e emetswe ke setlhopha se le sengwe fela sa Maitengwe, a akgola setlhopha seo go tlhoka go ipona tsapa.

O ne gape a kopa banana ba ba tswang kwa kgaolong-potlana ya Tutume, mme ba diragatsa kwa ditlhopheng tse di mo dikgaolong di sele, go rotloetsa bodiragatsi kwa dikgaolong tse ba tlholegang teng bogolo jang Tutume ka e saletse kwa morago. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Dikgaisanyo

Date : 30 May 2018