Kgosi wa pele wa Phuduhudu o tlhokafetse
30 May 2018
Kgosi wa pele wa Phuduhudu mo kgaolong ya Bokone Bophirima, Rre Bobotha Yokhwe o tlhokafetse morago ga go lwala ka lebaka le leleele.
Mo potsolotsong, motshwarelela bogosi jwa motse oo, Rre Johane Ngwengare a re Kgosi Yokhwe o tlhokafaletse kgwedi eno e le 25 kwa kokelong ya Gweta mo kgaolong ya Legare.
Rre Ngwengare a re Kgosi Yokhwe o tlhokafala jaana a le dingwaga di 90.
O tlhalositse fa Kgosi Yokhwe a ne a tsena mo bogosing ka 1980 e le kgosana yo o tshereganyang go fitlhelela ka 1986 a bewa kgosi fa motse oo o sena go rurifadiwa ka fa molaong go fitlhelela a tlogela tiro ka bogodi ka Lwetse 2016.
Rre Ngwengare a re Kgosi Yokhwe o tlhokafala jaana batho ba Phuduhudu ba setse ba rulagantse gore e tlaa re ka Labone ka di 31 ba bo ba mmaya mo setilong seo sa bogosi ka jaana e le ene yoo tlhophilweng go ka mo tlhatlhama.
Moswi o tlaa bolokwa ka Tshipi gone kwa Phuduhudu.
Moswi o tlogela mosadi le bana ba le barataro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 30 May 2018



