Breaking News

Tebelelo ke Kgosi wa Mabeleapodi

30 May 2018

Leina la kgosi wa Mabeleapodi, Rre Sebonego Tebelelo le sa tswa go rurifadiwa semmuso kwa kgotleng ya motse oo.

Kgosi Lefeletse Koonyatse wa Paje ke ene a neng a romilwe ke bogosi go tla go rolela morafe leina la kgosi yo mosha.

Se se tla jaana morago ga gore Kgosi Dintle Batshabile yo o busitseng dingwaga tse di masome mabedi le bosupa a ithole tiro ka mabaka a bogodi, kgwedi ya Lwetse ka 2016.

Rre Koonyatse o ne a akgolela morafe wa Mabeleapodi go bo ba nnile seopo sengwe go itlhophela kgosi, ga mmogo le go nna pelotelele. 

O ba iteetse legofi go bo ba tlhophile kgosi ya monana, e bile a itse tsa maranyane. A re se se botlhokwa mo dingwageng tsa segompieno.

Kgosi Koonyatse o ne a tlhalosetsa Kgosi Tebelelo gore tiro ya bogosi ke tiro ya boithaopo, mme a mo rotloetsa go nna boineelo le bopelotelele.

O ne a laya kgosi a re, “O kgosi ya morafe Sebonego, tsena mo bathong ba go itse le wena o ba itse, ka se se tlaa go direla tiro motlhofo.”

E rile a ntsha la gagwe, Kgosi Tebelelo a leboga Modimo, a supa fa a tlaa ikaega ka ene go mo kgontsha thomo e a e neetsweng ya go etelela morafe wa Mabeleapodi pele.

O ne a leboga Kgosi Batshabile go bo a mo segetse tema, a ikana fa a tlaa tsweledisa fa a emeng teng. Gape o ne a isa malebo kwa morafeng go bo ba mo file tlotla ya go nna kgosi le go mo tshepha go ba etelela pele. O ne a rotloetsa morafe go tshwaragana le ene gore ba kgone go isa motse kwa pele.

“Batho ba Mabeleapodi a re tshwaraganeng, re nne seopo sengwe gore re tsee ditshwetso re le ngatana,” kgosi a gatelela.

O ne a tlhalosa fa dipharologanyo e le selo se se leng teng mo botshelong, mme popagano ke yone e ka isang motse kwa pele.

O bile a rotloetsa magosana go dirisana le ene le go mo gakolola fa go tlhokafalang teng ka kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa.

Kgosi Batshabile o ne a akgolela Kgosi Sebonego maemo a gagwe, a mo rotloetsa go tlhoka go nna le selabe sepe mo bogosing jwa gagwe.

A re mo dingwageng tse di masome mabedi le bosupa tse a di ntseng mo setilong o dule a le diatla diphepa.

“Ngwanaka o tswe o tlhapile diatla o ise o kgopakgopane le ope, o tswe fela ka tse di ntle,” ga gatelela Kgosi Batshabile.

O rotloeditse Kgosi Tebelelo go phuthologa go mo kopa thuso fa a e tlhoka.

Mongwe wa bagolo ba motse, Rre Segonyane Sego o ne a supa boitumelo, a tlhalosa fa ba ne ba sokola ka lobaka ba sena kgosi. 

O tlhalosa fa ba ne ba patelesega go ya go tsaya ditlamelo dingwe kwa Tshimoyapula le Paje, mme a supa fa jaanong le bone ba na le rraabone sengwe le sengwe se tlaa siame. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Boitshwaro Keitseope

Location : MABELEAPODI

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 30 May 2018