Banana ba kopiwa go fokotsa dino
30 May 2018
Banana ba Serule le Moreomabele ba kopilwe go fokotsa tiriso ya nnotagi mme ba itebaganye le go tokafatsa matshelo a bone ka go batla maano a itshetso.
Se se builwe ke mopalamente wa Serowe Bokone ebile e le mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Kgotla Autlwetse mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng eo.
Rre Autlwetse o tlhalositse fa go dirwa ga tsela e e tshwaraganyang Serule, Tshimoyapula, Topisi le Mabeleapudi e le gaufi le go simololwa ka e setse e neetswe mong wa kontaraka, yo o supileng fa ba setse ba le mo thulaganyong ya go sekaseka fa ba ka agang kampa teng.
Rre Autlwetse o supile fa Unik Construction e le yone e abetsweng tiro ya go dira tsela mme ba supile fa ba tlaa thapa badiri ba feta lekgolo.
A re o ne a kopana le mong wa konteraka go mo kopa gore a leke ka gotlhe gore batho ba metse e e amegang e nne bangwe ba ba thapiwang gore ba kgone go oba letsogo.
Rre Autlwetse o ne gape a supa fa a ne a kopa gore fa go na le ditiro tse ba batlang di dirwa ke dikhamphani tse dingwe, ba sekaseke tsa metse e e amegang.
Rre Autlwetse o ne a kopa ba ba tlaa nnang lesego go bona tiro gore ba dire ka thata gore e se ka ya ba tswa diatleng ntateng ya go nwa bojalwa phetelela.
Rre Autlwetse a re kago ya tsela e tlaa nna le di-tla morago tse bangwe ba ka sekang ba di itumelela jaaka go tsaya lefelo la mafudiso.
O supile fa bangwe ba tlaa bona se ba se isang kwa maleng ka go hirisa matlo ka nako e tsela e tlaabong e dirwa.
Rre Autlwetse a re letlhoko la ditiro mo bananeng le amile Botswana ka bophara, mme a kopa banana go inaakanya le mhama wa temo-thuo ka e le one o o supang o na le mmaraka e bile o le bogadi bo gaufi.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Serule, Rre Lefetsakgang Mokhondo o lebogetse kago ya borogo jwa Motse wa Thubega jo bo setseng bo fedile, matlo a batlhoki a le matlhano a le one a fedileng e bile ba solofetse ntlo e nngwe e e tlaa bong e agwa ke ba Choppies mo bogaofing.
Kwa Moreomabele, Kgosi Kgololo Motshwaedi o lebogetse leobo le le setseng le le mo tirisong le agilweng ka madi a dikgaolo tsa botlhophi.
Kgosi Motshwaedi a re banni ba Moreomabele ba na le tsholofelo e ntsi gore motse wa bone o tlaa tswelela o bona ditlhabololo fa lenaneo la madi a dikgaolo tsa botlhophi le ka tswelela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 30 May 2018






