Betlelang bana bokamoso - Venson-Moitoi
30 May 2018
Batsadi ba rotloeditswe go ruta bana melao e e tlaa ba betlang gore ba nne le bokamoso jo bo eletsegang.
Se se builwe ke tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Dr Pelonomi Venson-Moitoi kwa phuthegong ya kgotla kwa Mokgware bosheng.
Dr Venson-Moitoi a re motsadi ga a a tshwanela gore a re ngwana o a mo palela e le wa gagwe, ka jalo o tlaa bo a se molato go ipeela melao mo lwapeng gore ngwana a tsene mo tseleng.
A re gape motsadi o na le tshwanelo ya go otlhaya ngwana, mme e seng a mo golafatsa kana a mmolaya.
Dr Venson-Moitoi o ne a tsibogela matshwenyego a bangwe ba banni ba motse wa Mokgware, ba ba neng ba re molao wa ditshwanelo tsa bana ke one o dirang gore ba palelwe ke go laola bana.
Mme Nkgokolo Kesweditse o ne a kopa puso go bona gore e gagamaletsa bana molao ka ba dule mo taolong.
Mme Nkgokolo a re bana ba malatsi ano ba nwa bojalwa phetelela.
A re batsadi ba setse ba tsholeditse diatla ka ba setse ba palelwa ke bana.
Ka jalo Dr Venson- Moitoi o ne a dumela fa e le nnete bana ba na le ditshwanelo, mme a tlhalosa fa ditshwanelo tse ba nang le tsone, di sa direlelwa gore ba itaolele batsadi ba seka ba kgalengwa.
A re ngwana ga a a tshwanela go kgokgontsha motsadi a re o na le ditshwanelo, ka gore ditshwanelo tseo di ne di dirwa go sireletsa ngwana eseng gore a itaole.
A re fa motsadi a otlhaya ngwana ka go mmetsa ga a kake a tshwarwa, ka o a bo a mo tsenya mo tseleng.
O ne a ikuela mo batsading go kgalemela bana le go emisa gore e re ngwana a dirile molato ba bo ba ba golola.
A re fa ngwana a dirile molato, batsadi ba mo lese a otlhaiwe ka fa molaong gore a tsene mo tseleng.
Dr Venson-Moitoi a re batsadi ba tlogele go senya bana ka go ipolelela gore ba a ba rata.
Mo go tse dingwe, Dr Venson- Moitoi o ne a itsese banni fa go tlaa sekasekwa molao wa bojalwa.
A re puso e tsere tshwetso ya gore go boelwe gape kwa Batswaneng go utlwa gore kgang ya bojalwa ba e bona jang.
A re puso e ne ya oketsa ditlhwatlhwa tsa bojalwa ga ba ga fokodiwa dinako tsa thekiso ya bojalwa, mme tse go neng go itebagantswe le tsone di tshwana le botsogo jwa motho le tsone dikotsi tsa dikoloi go bonala di santse di tsweletse.
Mme Venson-Moitoi a re bangwe ba santse ba na le lesokolela, ka ba bolela fa ba itshetsa ka bojalwa mme ba ka seka ba tlogelwa kwa morago.
A re go tlhokafala gore go boelwe gape kwa Batswaneng go utlwa megopolo ya bone, mme go tlaa tla lekoko la botona go tla go utlwa megopolo go tswa mo Batswaneng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MOKGWARE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 30 May 2018






