Maposa o lela ka diphologolo
30 May 2018
Banni ba Moposa mo kgaolong potlana ya Tutume ba lela ka letshwenyo la ditlou le dibatana tse di sailang mo bonnong jwa batho ka di ba lwantsha gammogo le go bolaya leruo la bone.
Ba buile jaana mo phuthegong ya kgotla bosheng fa ba ne ba itekodisa mopalamente Rre Polson Majaga.
Ba supile fa ditau, bonkwe, diphiri le matlhalerwa e le dibatlana tse di tseneletseng dihutshane le dikgomo mo merakeng di di bolaya.
Modulasetilo wa komiti ya balemi-barui mo motseng, Rre Shadrack Maposa a re dibatana tse di feditse leruo la gagwe gape di a mo lwantshwa e bile o tshela ka ditlhabi tsa tsone.
A re ditlou tsone di ja dijalo mo masimo ka di sa laolesege.
O supa fa ba sa tshele ba phuthologile ka ntlha ya letshogo la gore diphologolo di ka nna tsa ba tlhasela nako nngwe le nngwe ka di le dintsi mo kgaolong.
A re ga ba kgone go tsamaya bosigo ka e le yone nako e di tsamayang thata fa gare ga motse.
A re selo se se dira gore ba ikaege fela mo lenaneong la Ipelegeng ka diphologolo di ba phirimisetsa ditoro.
O supa fa letlhoko la molemisi le dira gore ba seka ba nwa mananeo a temo moro ka mo sebakeng sa gompieno ba ise ba metelwe temo.
A re letlhoko le le dira gore komiti ya balemi-barui e seka ya kgona maikaelelo a yone a go tokafatsa itsholelo ka temo-thuo.
Rre Elias Kesekile o supile fa tlhorontsho ya ditau e ile godimo ka ba sa kgone go disa le go phutha diruiwa tsa bone sentle ka ba na le letshogo la gore di ka ba tlhasela.
A re go na le terata e e kgaoganyang diphologolo le batho mme diphologolo ke tsone jaanong tse di latelang batho.
Fa a tswa la gagwe, Rre Moffatt Mothokamarumo a re mananeo a puso a temo-thuo a ba rotloediwang go itshetsa ka one gammogo le go tlhamela Batswana ditiro ga a ba busetse ka ntlha ya tshenyo ya diphologolo mme seo se busetsa maikaelelo a puso morago, ka jalo ba kopa difofane go tla go kobela diphologolo kgakala le bonno jwa batho jaaka ba ne ba solofeditswe.
Rre Taa Nxosa o tlhalositse fa a tshela ka bokoa jo bo bakilweng ke dibatana fa di ne di mo lwantsha, ka jalo o setse ka bogole mo a ka se kakeng a kgona go bereka sepe.
A re o na le ditlankana tsa ditiro tsa moepo, mme ga a kgone go itirela sepe ka ntlha ya bokoa joo.
O tlhalosa fa a sa itumelele tsamaiso ya mananeo a ba-na-le bogole ka a re mo motseng wa bone ga a goroge.
Fa a ba araba mopolamente wa kgaolo ya Nata-Gweta, Rre Polson Majaga a re o itemogetse selelo sa letshwenyo la diphologolo mo motseng wa Maposa.
A re bangwe ke digole gape ga ba tshele sentle ka ntlha ya diphologolo.
A re temo-thuo e saletse morago mo Maposa ntswa ba rurifaditswe e le Green Zone mme seo se dirwa ke diphologolo tse di tlang mo bonnong jwa bone.
A re go utlwisa botlhoko ka ditlou di le dintsi mo kgaolong ya bone ka jalo ba dirise lenaneo la ISPAAD la Cluster fencing go sireletsa temo.
A re balemi ba ikokoanye mme morago ba tsenye kopo ya go ka agelelwa masimo ka terata gore ba kgone go bona thobo e e rileng.
O ba rotloeditse gore ba seka ba ganelela fa ba abetsweng masimo teng fa thuso e goroga gore ba kgone go agelelwa golo go le gongwe.
O ne a ba tlhagisa fa go na le molao o o tlaa dirwang o o bidiwang Human Wildlife Conflict o o tlaa bong e le tharabololo mo manokonokong a diphologolo a ba leng mo go one.
A re molao o o tlaa bo o akaretsa gore ba ka thusiwa jang fa ba lwantshitswe kana ba senyeditswe ke diphologo.
A re mo dithusong tsa ngwaga ono, go ya go simololwa ka kgaolo ya bone go phimolwa dikeledi.
Rre Majaga a re ditiro tsa ditlhabololo tsa motse di tshwanetse go fiwa beng ba motse ka ba le mo motseng o o kgakala le ditlhamelo gore ba kgone go itshetsa.
A re mo dikagong tsa madi a dikgaolo tsa botlhophi o tlaa dira gore baagi ba tsee ditsompelo tse di agang mo madirelong a a gaufi le bone gore tiro e tswelele mme morago go duelwe ka one madi a a neng a tshwanetse go reka ditsompelo tseo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Joseph Tlholego
Location : MAPOSA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 30 May 2018






