Breaking News

Monana o rotloetsa ba bangwe go ipatlisisa

30 May 2018

Rre Leina Segwai, yo e leng monana e bile a le mo lenaneong la YDF, o rotloeditse banana go itshekatsheka go batla dikitso tse ba nang le lerato mo go tsone go di fetolela mo go direng dikgwebo go itshetsa. 

Mo potsolotsong le BOPA, lekawana le la dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa, o boletse fa e rile ka 2009, a sena go konotelela lokwalo lwa botlhano, a tswa letsholo go ya majako mme a retelelwa ke go bona tiro, mme a boela gae go leka go tsaya mananeo a nyeletso lehuma. 

A re e rile ka 2016, a setla tsela kwa diofising tsa lephata la banana go ya go kopa madi, mme ya re ka 2017 a ya fifing, loeto lwa gagwe la tswa maduo a fiwa dikete di le masome a robongwe le borobongwe go simolola kwebo ya go rua dikgomo. 

A re o ne a reka dikgomo tse di namgadi di le lesome tsa mohuta wa Simmental le poo e le nnngwe ya Sherillin.

Rre Segwai a re go tsena mo thuong ya dikgomo, o kgothaditswe ke gore o goletse mo tikologong ya temo-thuo ya batsadi ba gagwe, ka jalo o na le lorato lo lo tseneletseng mo kgomong. 

A re o bone go le botlhokwa go godisa mhama wa nama mo Botswana ka e le one o lomang wa diteemane serota mo go tsamaiseng itsholelo ya lehatshe. 

A re batsadi le bone ba ne ba mo eme nokeng ka go mo adima lefatse le le nang le sediba, go ikgodisa, mme e tlaa re mo tsamaong ya nako a batle la gagwe. 

Rre Segwai a re o ipeetse seelo sa gore mo dingwageng tse thataro, o eletsa gore mo go tse pedi le sephatlho, a bo a setse a duetse sekoloto sa madi a a adimilweng le gore mo dingwageng tse tsaro le sephatlho leruo la gagwe le bo le atile gabedi. 

O tlhalositse gore ba lephata la banana ba ne ba mo tlhatlhelela ka botsipa jwa go rua kgomo monongwaga gore a kgone go tlhokomela leruo la gagwe. 

A re o nna a golagana le ba ofisi ya mokenti ka ape mathata a a kopanag le one kwa morakeng kgotsa fa go na le sengwe sa tshoganetso jaaka kgomo e lwala. 

O kgothaditse banana go batla methale e ba ka itirelang madi ka yone mo magaeng pele ga ba ka ya kwa ditoropong go batla mafulo a matalana. 

Le fa go ntse jalo, o ne supa fa a ise a kopane le dikgwetlho tse di kalokalo ka a netefatsa gore tsamaiso ke ya maemo a ntlha ka e bile a rurifatsa nako le nako fa dikgomo di nole le gore di jele le fa di le ka fa tlase ga tlhokomelo ya modisa. 

O kgothatsa banana go simolola dikgwebo ba santse ba le bannye gore ba golele mo go tsone ka puso e phutholotse seatla go tla ka mananeo a tshwana le LIMID le YDF go ba ntsha mo lehumeng. 

Rre Segwai a re banana ba seka ba itsemeletsa go tsena mo diofising tsa puso go batla kitso ka mananeo a nyeletso lehuma, gape ba tsene mo metlobong ya dibuka le maranyane ka se se ka ba tswela mosola mo isagong. 

O lebogetse puso go menagane go bo e mo thusitse ka a ne a itlhobogile mo botshelong mme jaanong o bona lesedi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thusoyaone Sechele

Location : PHITSHANE MOLOPO

Event : Potsolotso

Date : 30 May 2018