Breaking News

Mokibelo o gama a ikotelela

30 May 2018

Kgodiso ya ngwana ga se selo se se motlhofo ka e tlhoka motho yo o lerato, bopelonomi e bile a na le boikarabelo.

Rre Boloka Mokibelo wa Bobonong, yo o tlhokomelang ngwana wa gagwe wa dingwaga tse pedi, a re mmaagwe ngwana o sa le a tlhokafetse a le dikgwedi tse tharo.

Rre Mokibelo a re go godisa ngwana ga se tiro e e bonolo ka e na le dikgwetlho. 

Rre Mokibelo yo o tlhalositseng fa a nna a le esi, a re o sale a simolola go tlhokomela ngwana wa gagwe, Precious Tlou, morago ga go tlhokafala ga ga mmagwe.

O tlhalositse fa Precious e le ngwana yo o tshelang ka bokoa, ka jalo a tlhalosa fa a sa kgone go dira tiro epe ka a santse a lebeletse botsogo jwa gagwe, a tlatsa ka go supa fa go sena ope yo o gaufi go mo thusa kana go mo tlogela le ene.

Rre Mokibelo o supile fa e le ene a tlhatswang diaparo tsa ngwana gammogo le go mo isa sekaleng. 

O kaile fa e le motho yo gantsi a itshetsang ka tiro ya diatla jaaka go teratela masimo le dijarata. 

Rre Mokibelo a re go tlhokomela ngwana a le esi go mo tshwere diatla e bile go mo ketefaletsa botshelo ka e le tiro e a e dirang bosigo le motshegare. 

O tlhalositse fa dijo a di bona ka go kopa, fa metseto le diaparo tsa ngwana le tsone a di bona ka tshokolo. 

Rre Mokibelo o supile fa badiri ba lephata la botsogo kwa kokelong ya Borotsi kwa Bobonong e le bone ba mo emeng nokeng ka go nna ba leka go mo thusa fa a tlhaelang teng. 

Fa a tswa la gagwe, mongwe wa badiri kwa kokelong ya Borotsi, Mme Reginah Lesang o tlhalositse fa botsalano jwa bone le Rre Mokibelo bo simolotse fa ba ntse ba mmona a isa ngwana sekaleng kgwedi le kgwedi. 

Mme Lesang o supile fa maduo a ga Precious a sekale a a neng a sa jese diwelang e le nngwe ya mabaka a a dirileng gore ba simolole go batlisisa ka Rre Mokibelo.

A re go lemogeng ka fa Rre Mokibelo a tshelang ka teng, ba ne ba tsaya tshwetso ya gore Precious a tsene mo lenaneo la lephata la botsogo le le itebagantseng le go neela bana ba ba tlhaelang dikotla dijo kwa kokelong.

O supile gape fa badiri kwa kokelong eo ba ne ba ithaopa go thusa Rre Mokibelo ka dijo, diaparo, melora gammogo le go mo neela madi fa a isa ngwana bongakeng  kwa Nyangagwe ka a kile a arwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moses Moleboge

Location : BOBONONG

Event : Potsolotso

Date : 30 May 2018