Popagano ya morafe e ka tsisa maduo
30 May 2018
Popagano ya morafe lefatshe ka bophara e kailwe e ka tsisa pharologanyo e tona mo dipalong tsa ba ba tshelang ka mogare wa HIV/AIDS le ba ba tlhokafetseng.
Se se builwe ke Moruti Michael Motswakadikgwa wa kereke ya Alliance Ministries kwa Mochudi, mo segopotsong sa ba ba tlhokafetseng ka ntata ya mogare wa HIV kwa kgotleng kgolo ya Bakgatla bosheng.
Moruti Motswakadikgwa o boletse fa go fokotsa kgethololo ya batho ba ba tshelang ka mogare le ba ba dirisang dinotagi phetelela e ka nna nngwe ya ditsela tse di ka fokotsang kgolo ya dipalo tsa balwetse ba AIDS le ba ba tshelang le mogare wa HIV ka ba ka fiwa dikgakololo sentle.
O boletse fa bangwe ba santse ba le bofitlha ka seemo sa bone sa mogare ka go santse go na le bangwe ba ba kgethololang batho ba lebile seemo sa bone.
Moruti Motswakadikgwa a re go bopagana ga setshaba go ka thusa ba ba nang le mogare gore ba kgone go itshupa le gone go bona dithuso ka nako.
O boletse fa baeteledipele ba setse ba supile popagano ka go dira mananeo a batho ba ba tshelang le mogare jaaka la thibelo mogare go tswa go mmangwana go ya kwa leseeng le la diritibatsi.
Moruti Motswakadikgwa o boletse fa go gopola ba ba re tlogetseng go thusa ba ba santseng ba le mo botshelong go gatela pele ka ba tsaya ditshwetso tsa go itlhokomela.
O boletse fa go itlhoboga e se tshwetso e e maleba ka botlhe e le bana ba Modimo mme ba tshwanetse go ikanya ene.
Moruti Motswakadikgwa o boletse fa molaetsa wa kereke e le gore batho ba tshephege ba le mo nyalong le ba se mo go yone, a rotloetsa setshaba go tsaya boikarabelo ka go tsamaya mo tseleng ya Modimo gore ba tle ba kgone ba nne le botshelo jo bo sa khutleng.
Mogolwane wa (Botswana Network of People Living with HIV and AIDS Rre Allan Tshekedi o tlhalositse fa go bereka le batho ba ba tshelang le mogare go le botlhokwa ka go ruta setshaba go itlhokomela le go tlhokomela ba malwapa a bone.
A re batho ba ba nang le mogare ga ba rate go bidiwa gotwe ba na le mogare bogolo go twe ba tshela ka mogare ka ba dirisa diritibatsi tse di o laolang mo mmeleng.
Rre Tshekedi o kopile setshaba go rapela ka nako tsotlhe ba le seopo sengwe go gomotsa malwapa a a latlhegetsweng gore le bone ba nne le tshepo mo botshelong.
Mme Boitshepo Rice yo e leng monana yo o tshelang le mogare o boletse fa go ikamogela e le yone tsela ya ntlha ka e mo thusa go phuthologa mo pelong le mo go tsotlhe.
O boletse fa thotloetso go tswa mo lwapeng le mo motseng e ka dira gore motho a ikamogele ka nako mme a kgone go tsaya diritibatsi a santse a itekanetse.
Mme Rice a re go botlhokwa go itsese batho ka seemo sa gago sa mogare, segolo bogolo ba o tshelang le bone gore go seka ga nna le tshelano ya mogare le gone go ikokeletsa bokoa.
O tlhalositse fa batsadi ba tshwanetse go kgothatsa bana go itlhatlhoba le gone go ba itsese ka bodiphatsa jwa go tlhakanela dikobo ba sa itshireletsa le go nna le bakapelo ba ba farologaneng.
O kopile setshaba go tshwaragana go lwantsha segajaja ka ke yone tharabololo fela e e leng teng e seng kgethololo.
Mme Rice o tlhalositse fa leina la gagwe le nna le mo gakolola go nna le boitshepo mo botshelong mme a le dirisa go kgothatsa banana ka ene.
Moemela kgosi wa Bakgatla, Kgosi Bana Sekai o kopile morafe gore o seka wa fela pelo mo go lwantsheng mogare ka e le mmaba mo setshabeng.
O kopile morafe go tswelela ba gopola ba ba tlhokafetseng, mme ba kgothatse ba ba santseng ba le teng go itlhokomela ka go tsaya diritibatsi le go ikgapha mo go tse di ka oketsang mogare.
Kgosi Sekai o lebogetse puso matsapa a e a dirang go thusa setshaba mabapi le mogare, mme a kopa setshaba go thusa puso ka go iphapa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Miranda Mapotsane
Location : MOCHUDI
Event : Segopotso
Date : 30 May 2018






