Breaking News

Monna o tlhokafetse mo kotsing

29 May 2018

Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di fa gare ga masome mabedi le bosupa le masome a mararo, yo a fitlhetsweng a tlhokafetse morago ga gore koloi e a neng a e kgweetsa e pitokologe.

Mo potsolotsong le BOPA, mogolwane wa mapodisi a Tutume, Superintendent Jerry Halahala a re koloi eo ya modiro wa Honda Fit, e e neng e na le bapagami ba le bane ba borre, go balelwa le mokgweetsi, e ne ya thula tshipi ya ba ya menoga fa tsela ya Matobo e kopanang teng le ya Tutume-Francistown.

Supt Halahala a re tiragalo eo, e diragetse bosigo jwa Matlhatso, mme ba fitlhetse rre yoo le mongwe wa bapalami ba le ka fa tlase ga yone ka dintho tse di masisi mo ditlhogong.

O tlhalositse fa bapalami ba ne ba ragosediwa kwa kokelong ya Tutume kwa mokgweetsi le mopagami yo mongwe ba neng ba fetisediwa kwa Nyangabgwe.

Ba sepatela ba ne ba tlhomamisa fa mokgweetsi a tlhokafetse, fa yo mongwe a sa ntse a robaditswe.

Ba bangwe ba babedi ba ne ba alafiwa ba bo ba gololwa ka lone letsatsi leo kwa Tutume.

Setopo se kwa Nyangabgwe go tlhatlhojwa ke dingaka.

Mo tiragalo e nngwe, Supt. Halahala a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa Zimbabwe a fitlhetsweng a rapaletse mo bodibeng jwa madi ka dintho tse di masisi mo mmeleng, go lebega a ka tswa a tlhabilwe ka sengwe se se bogale.

O boletse fa ba begetswe tiragalo eo ke mohiri wa monna yoo ka Matlhatso bosigo, mme ba ragosetsa monna yoo kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng fa a tlhokafetse teng.

O tlhalositse fa mmelaelwa mo tiragalo eo le ene a tswa Zimbabwe, mme ba santse ba mo tshegeditse go ba thusa mo ditlhotlhomisong.

Setopo se kwa kokelong ya Tutume go tlhatlhojwa ke dingaka le go batlisiwa masika.

Supt. Halahala a re ke gantsi ba ikuela mo setshabeng go tlogela mokgwa wa go hira batswakwa ba ba senang dipampiri, mme molaetsa o batho ga ba o tseye tsia.

A re mme ba tlaa gagamaletsa badiramolato setoropo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 29 May 2018